Fetela kwa tshedimosetsong

Dipampiri di Fitlhilwe ka fa Tlase ga Motšhine o o Tlhatswang

Dipampiri di Fitlhilwe ka fa Tlase ga Motšhine o o Tlhatswang

Morago ga gore Zarina a kolobediwe go nna Mosupi wa ga Jehofa, o ile a fudugela kwa Central Asia a tswa kwa Russia ka gonne o ne a ikemiseditse go godisetsa bana ba gagwe ba babedi ba basetsana mo tumelong ya gagwe. Ka gonne a ne a sena madi a akalo, o ne a nna mo foleteng ya kamore e le nngwe le batsadi ba gagwe le monnawe yo o nyetseng. Batsadi ba gagwe ba ile ba mo laela gore a se ka a ruta bana ba gagwe Baebele. Gape ba ile ba bolelela bana ba gagwe gore ba se ka ba bua le ene ka Baebele.

Zarina o ne a ipotsa gore a ka thusa bana ba gagwe jang go ithuta ka Jehofa. (Diane 1:8) O ne a rapela, a kopa Jehofa gore a mo thuse le go mo fa botlhale. Zarina ga a ka a rapela fela, o ile a tsaya kgato ka go tlotla le bana ba gagwe ka popo. Seo se ile sa thusa basetsana ba gagwe gore ba simolole go rata Mmopi wa bone.

Zarina o ile a dira leano la go ruta bana ba gagwe a dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * O ne a kopololela dirapa le dipotso tsa tsone mo dipampiring. O ne a ba kwalela mafoko mangwe mo thoko, go ba thusa go tlhaloganya se ba se balang. O ile a fitlha dipampiri tseo mo tlase ga motšhine o o tlhatswang a bo a ba beela le pensele. Fa bana ba gagwe ba di bona, ba ne ba di bala ba bo ba araba dipotso tseo.

Zarina o ile a dirisa mokgwa ono go ruta bana ba gagwe Baebele, mme o ile a bala le bone dikgaolo tse pedi pele ba fuduga. Fa ba sena go fuduga o ile a kgona go godisa bana ba gagwe, go sena ope yo o mo tshwenyang. Ka October 2016, basetsana bano ba ile ba kolobediwa, ba ne ba itumeletse go bo mmaabone a ile a nna botlhale fa a ba ruta.

^ ser. 3 Gone jaanong, batho le bantsi ba dirisa buka ya Baebele e re Ruta Eng?