Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Nna le Rre re Feleleditse re Utlwana

Nna le Rre re Feleleditse re Utlwana
  • O TSHOTSWE KA: 1954

  • O TSHOLETSWE KWA: Philippines

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O ne A sa Utlwane le Rraagwe yo o Lesotlo

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

Bajanala ba le bantsi ba etela mafelo a mantle a a gaufi le toropo ya Pagsanjan e e kwa Philippines. Toropo eo ke yone e rre e bong Nardo Leron a goletseng kwa go yone mme kwa gabone ba ne ba humanegile thata. Rre o ne a galefisiwa thata ke bonweenwee jo a neng a bo bona mo pusong, mo sepodiseng le kwa a neng a bereka gone.

Batsadi ba me ba godisitse bana ba le robedi mme go ne go se motlhofo. Gantsi ba ne ba fetsa nako e ntsi ba le kwa masimong ba sa tle gae. Nna le nkgonne e bong Rodelio re ne re tlhola re tshwerwe ke tlala ka gonne go se na ope yo o re tlhokomelang. Re ne re se na nako ya go tshameka. Mongwe le mongwe wa rona o simolotse go bereka kwa masimong fa a tshwara dingwaga tse supa, re tsholetsa dikgetsi tse di boima tsa dikhokonate e bile re tlhatloga thaba ka tsone. Fa o sa kgone go tsholetsa kgetsi eo e e boima, o ne o patelediwa go e goga.

Rre o ne a tlhola a re betsa mme se se neng se re utlwisa botlhoko thata ke go mmona a betsa mmê. Re ne re batla go mo thiba mme re sa kgone. Nna le Rodelio re ile ra dumalana gore fa re gola re tlile go bolaya rre. Ke godile ke eletsa go nna le rre yo o re ratang!

Tsela e rre a neng a re sotla ka yone e ile ya ntena thata mo ke ileng ka tswa kwa gae fa ke le dingwaga tse 14. Ke ntse lobaka mo seterateng mo ke ileng ka simolola go goga matekwane. Fa nako e ntse e ya ke ile ka bona tiro ya go tsamaisa bajanala ka mokoro.

Dingwaga moragonyana ke ile ka ya go ithuta kwa yunibesithing ya Manila. Ke ne ke se na nako ya go ithuta ka gore mafelobeke mangwe le mangwe ke ne ke tlhola ke ya Pagsanjan go ya go bereka. E ne e kete botshelo jwa me bo eme golo go le gongwe fela mme matekwane le one a ne a sa tlhole a nthusa ka sepe. Ke ile ka simolola go dirisa diritibatsi tse di jaaka khokheine le heroine. Gantsi diritibatsi di tsamaisana le botshelo jwa botlhapelo. Ke ne ke tlhoile puso ka gore ke tsaya gore ke yone e dirileng gore go nne le lehuma, tshiamololo le go boga. Ke ile ka botsa Modimo gore, “Ke eng botshelo bo ntse jaana?” Dikereke tse ke neng ke tsamaya mo go tsone di ne di sa nthuse. Diritibatsi di ne di nthusa go lebala mathata a me.

Ka 1972, baithuti ba kwa Philippines ba ne ba rulaganya megwanto kgatlhanong le puso. Ke ile ka ya mme dilo di ile tsa tswa mo taolong. Batho ba le bantsi ba ile ba tshwarwa mme dikgwedi moragonyana, masole a ile a bidiwa go tla go busetsa maemo mo taolong.

Ke ile ka boa gape ka ya go tshela mo seterateng mme ke tshelela mo letshogong ka gonne ke akanya gore mapodise a tla ntshwara. Ke ne ke le legodu mme fa nako e ya ka simolola go tlhakanela dikobo le bahumi le bajanala gore ke kgone go nna le madi a go reka diritibatsi. Ke ne ke se na sepe le gore a ke a swa kgotsa ke a tshela.

Mmê le nnake ba ne ba simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Rre o ile a fisa dibuka tsa bone ka gonne a sa batle gore ba ithute Baebele. Ba ne ba itshoka mme ba feleletsa ba kolobeditswe.

Letsatsi lengwe Mosupi wa ga Jehofa o ne a bolelela Rre gore Baebele e re solofetsa gore mo nakong e e tlang go tlile go nna le tshiamiso mo lefatsheng. (Pesalema 72:12-14) Seo se ile sa kgatlha Rre mo a neng a dira tshwetso ya go batlisisa mo go oketsegileng. Fa a ntse a ithuta Baebele, o ile a ithuta gore go tlile go nna le puso e e siameng le gore Modimo o batla gore monna a dirisane jang le lelapa la gagwe. (Baefeso 5:28; 6:4) Go ise go ye kae, botlhe kwa lapeng ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa mme nna ke ne ke sa itse ka gonne ke le kgakala le legae.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

Ke fudugetse kwa Australia ka 1978. Le fa ke ne ke nna kwa nageng eo e go nang le kagiso mo go yone e bile maemo a ikonomi a le botoka thata, ke ne ke sa itumela. Ga ke a ka ka tlogela bojalwa le diritibatsi. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nketela. Le fa ke ne ke rata se ba se mpontshitseng mo Baebeleng ka lefatshe le le nang le kagiso, ke ne ke tshaba go ithuta le bone.

Moragonyana ke ile ka ya go fetsa dibeke di le mmalwa kwa Philippines. Fa ke goroga, bonnake le nkgonne ba ile ba mpolelela gore rre o fetogile mme ke ne ke sa batle go kopana le ene ka gonne ke sa ntse ke mo galefetse.

Kgaitsadiake yo mmotlana o ile a mpontsha mo Baebeleng gore ke eng fa batho ba boga e bile go tletse tshiamololo mo lefatsheng. Ke ne ke makadiwa ke gore ngwana yo monnye jaana o kgonne go araba dipotso tse ke ntseng ke ipotsa tsone. Pele ke tsamaya, rre o ile a nnaya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. * O ile a nthaya a re: “Tlogela go tlalatlala le lefatshe o sa itse gore o batlang. Buka eno e tla go thusa go bona se o ntseng o se batla.” O ile a nkopa gore fa ke fitlha kwa Australia, ke batle kwa Basupi ba leng gone.

Ke ile ka ya go batla Holo ya Bogosi mme ka e bona gaufi le mo ke neng ke nna teng kwa Brisbane. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele. Ke ithutile mo go Daniele kgaolo 7 le Isaia kgaolo 9 gore mo nakong e e tlang, puso ya Modimo e e se nang tshiamololo e tla busa lefatshe le gore lefatshe le tlile go nna Paradaise. Ke ne ke batla go direla Modimo mme gone ke itse gore ke tla tshwanelwa ke go ithuta go laola maikutlo a me, go tlogela bojalwa le diritibatsi le botshelo jo ke neng ke bo tshela ka nako eo. Ke ile ka kgaogana le mosetsana yo ke neng ke nna le ene le go tlogela go dirisa diritibatsi. Ke ile ka kopa Jehofa gore a nthuse go fetola ditsela tsa me ka gonne ke mo tshepa gore o tla nthusa.

Ka iketlo ke ile ka lemoga gore dilo tse ke neng ke di ithuta di kgona go fetola motho. Baebele ya re re kgona go ‘apara botho jo bosha.’ (Bakolosa 3:9, 10) Fa ke ntse ke leka go dira jalo, ke ile ka lemoga gore se bana ba kwa gae ba neng ba se bua ka rre, e ka tswa e le nnete. Ke ne ke sa tlhole ke batla go mo tlhoa le go mo galefela. Ke ile ka feleletsa ke itshwaretse rre le go ntsha sekgopi se ke neng ke mo tshwaretse sone go tloga fa ke le ngwana.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

Fa ke le monnye, ke ne ke tlhola ke dira sengwe le sengwe se se maswe se batho ba bangwe ba neng ba se dira. Baebele e bua nnete fa e re go itsalanya le batho ba ba bosula go a latlha. (1 Bakorintha 15:33) Gone jaanong ke na le ditsala tse di siameng tsa Basupi ba ga Jehofa e bile ba nthusitse go fetola botho jwa me. Ke ile ka nyala mongwe wa ditsala tsa me e bong Loretta mme re ruta batho gore Baebele e ka ba thusa.

Nna le mosadi wa me re ja le ditsala

Baebele e ile ya fetola rre go nna motho yo ke neng ke sa lebelela gore o tla tsamaya a nna ene—monna yo o ratang mosadi wa gagwe, rre yo o ratang bana ba gagwe, Mokeresete yo o ikokobeditseng le yo o ratang kagiso. Fa ke kopana le rre morago ga go kolobediwa ka 1987, o ile a ntlamparela lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me!

Rre le mmê ba ile ba fetsa dingwaga di feta 35 ba bua le batho ka tsholofetso e e mo Baebeleng. Rre o ne a itsiwe e le motho yo o ratang batho e bile a batla go ba thusa. Ke ile ka simolola go mo rata le go mo tlotla e bile ke le motlotlo go bidiwa morwawe! O tlhokafetse ka 2016 mme ke sa ntse ke mo gopola thata ka gonne ke itse gore nna le ene re ile ra fetola botho jwa rona fela thata fa re sena go ithuta Baebele. Ga ke tlhole ke mo tlhoile e bile ke itumelela gore ke na le Rre yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo yo o solofetsang gore o tla fedisa mathata a a mo malapeng a le mantsi.

^ ser. 20 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.