Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO

Botshelo Jwa Me bo ne Bo Tlhakatlhakane

Botshelo Jwa Me bo ne Bo Tlhakatlhakane
  • O Tshotswe Ka: 1971

  • O Tsholetswe Kwa: Tonga

  • Botshelo Jwa Gagwe Jwa Pele: O ne a dirisa diritibatsi

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

 Ke goletse kwa Tonga, naga e e nang le ditlhaketlhake di ka nna 170 e e kwa borwabophirima jwa Pacific. Kwa Tonga re ne re humanegile e bile re se na motlakase kgotsa koloi. Mme gone re ne re na le metsi le dikoko di le mmalwa. Fa dikolo di tswetswe, nna le bomorwarre re ne re thusa rre kwa masimong. Rre o ne a tlhokomela lelapa la rona ka go rekisa dilo tse a neng a di lema kwa masimong e bile o ne a dira ditironyana tse dingwe. Fela jaaka batho ba le bantsi ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng, re ne re rata Baebele e bile re ya kerekeng ka metlha. Mme gone, re ne re dumela gore re ka kgona go tshela monate fa fela re ka fudugela kwa nageng e e humileng.

 Fa ke na le dingwaga di le 16, malome o ne a re fudusetsa kwa California, U.S.A. Go ne go le thata gore re tlwaele botshelo jwa koo. Le fa gone re ne re sa tlhole re humanegile thata, re ne re nna mo lefelong le le humanegileng e bile le tletse ka bokebekwa le diritibatsi. Re ne re nna fela re utlwa dithunya di lela bosigo e bile batho ba le bantsi ba ne ba tshaba dikebekwa. Batho ba le bantsi ba ne ba tsamaya ka dithunya. Le nna nkile ka thuntshiwa.

 Fa ke tsena kwa sekolong se segolwane, ke ne ke batla go tshwana le bana ba bangwe. Ka jalo, ke ne ke tlhola ke tsamaya le bone kwa diphathing. Gape ke ne ka simolola go nwa thata, go dirisa diritibatsi e bile ke ne ke rata ntwa. Le fa gone batho ba kwa gae ba ne ba rata kereke, kwa kerekeng ke ne ke sa rutiwe sepe se se neng se nthusa gore ke kgone go itshwara sentle. Tota botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakane! Ke ne ka feleletsa ke tshwerwe.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 Ka 1997 fa ke le kwa kgolegelong, letsatsi lengwe monna mongwe o ne a mpona ke tshotse Baebele. E ne e le letsatsi la Keresemose. Batho ba kwa Tonga ba le bantsi ba tsaya letsatsi leo le le boitshepo. Monna yoo o ne a mpotsa gore a ke a itse gore Baebele ya reng ka letsatsi la botsalo la ga Jesu mme ke ne ke sa itse. O ne a mpontsha gore Baebele ya reng ka letsatsi le Jesu a tsetsweng ka lone mme ke ne ka lemoga gore dilo tsotlhe tse batho ba di dirang ka letsatsi la Keresemose ga di yo mo Baebeleng. (Mathaio 2:1-12; Luke 2:5-14) Ke ne ke gakgametse tota! Ke ne ke ipotsa gore ke eng gape se Baebele e se rutang. Monna yoo o ne a tlhola a ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwarelwa kwa kgolegelong mme ke ne ka tsamaya le ene. Ba ne ba tlotla ka buka ya Tshenolo. Le fa gone ke ne ke sa tlhaloganye gore ba bua ka eng, ke ne ka lemoga gore dilo tsotlhe tse ba di buang di tswa mo Baebeleng.

 Basupi ba ile ba kopa go ithuta Baebele le nna mme ke ne ka dumela. Mo Baebeleng, ke ile ka ithuta gore lefatshe lotlhe le tlile go dirwa paradaise. (Isaia 35:5-8) Ke ne ka lemoga gore fa e le gore ke batla go nna tsala ya Modimo, ke tshwanetse go fetoga. Gape ke ne ka lemoga gore Jehofa a ka se ntetle gore ke tshele mo Paradaiseng fa ke sa fetole mekgwa ya me e e maswe. (1 Bakorintha 6:9, 10) Ka jalo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke tlile go tlogela go goga, go dirisa diritibatsi le go nwa thata.

 Pele ke gololwa ka 1999, ke ne ka isiwa kwa kgolegelong e nngwe. Go ne ga feta ngwaga ke sa kopane le Basupi ba ga Jehofa. Mme gone ke ne ke ikemiseditse go tswelela ke dira diphetogo mo botshelong. Ka 2000, puso ya United States e ne ya mpusetsa kwa Tonga.

 Fa ke fitlha kwa Tonga, ke ne ka batla Basupi ba ga Jehofa ke bo ke tswelela ka thuto ya me ya Baebele. Ke ne ke rata dilo tse ke di ithutang mme gape ke ne ke kgatlhiwa ke gore Basupi ba kwa Tonga ba tlhalosa sengwe le sengwe ba dirisa Baebele fela jaaka ba kwa United States.

 Rre o ne a itsege mo motseng ka gonne o ne a na le maemo kwa kerekeng. Ka jalo, kwa tshimologong batho ba kwa gae ba ne ba sa rate kgang ya gore ke ithuta Baebele le Basupi. Mme gone, moragonyana batsadi ba me ba ile ba lemoga gore go ithuta Baebele go nthusa gore ke itshware sentle ka jalo, ba ne ba sa tlhole ba na le bothata.

Fela jaaka banna ba kwa Tonga, ke ne ke fetsa nako e ntsi beke le beke ke nwa kava

 Sengwe se go neng go le thata gore ke se tlogele e ne e le bojalwa bongwe jo batho ba bo ratang thata kwa Tonga. Banna ba le bantsi ba fetsa letsatsi lotlhe ba nwa bojalwa jo bo bidiwang kava. Le nna ke ne ka simolola go bo nwa thata. Bothata e ne e le gore ke ne ke tsalane le batho ba ba sa ikobeleng Jehofa. Mme gone, ke ne ka thusiwa go lemoga gore Jehofa ga a rate se ke se dirang. Ka jalo, ke ne ka tlogela go dira dilo di kgopisang Modimo.

 Ke ne ka simolola go ya dipokanong tsotlhe. Go kopanela le batho ba ga Jehofa go ne ga nthusa gore ke itshware sentle. Ka 2002, ke ne ka kolobediwa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 Bopelotelele jwa ga Jehofa bo ntsholegetse molemo. Baebele ya re: “Jehofa . . . o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) E ka bo e le kgale Jehofa a sentse lefatshe leno le le bosula mme gone o nnile pelotelele gore batho ba ba tshwanang le nna ba nne le tshono ya go mo itse. Ke itumelela go itse gore a ka kgona go ntirisa go thusa batho ba bangwe go mo itse.

 Jehofa o nthusitse gore ke fetole botshelo jwa me jo bo neng bo tlhakatlhakane. Gone jaanong ga ke tlhole ke utswela batho gore ke reke diritibatsi. Go na le moo, ke ba thusa gore le bone e nne ditsala tsa ga Jehofa. Jehofa o ntshegofaditse ka mosadi yo montle e bong Tea. Re na le ngwana wa mosimane, mme lelapa la rona le itumetse. Re ruta batho se Baebele e se buang ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.