Fetela kwa tshedimosetsong

Ditaelo Tsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona

Ditaelo Tsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona

Diteng

1. Ditaelo tse di kwadilweng fano di tla thusa botlhe ba ba tla nnang le dikabelo mo pokanong ya Botshelo le Bodiredi. Pele o baakanyetsa kabelo ya gago, o tshwanetse go bala ditaelo tse di tsamaisanang le kabelo e o e neilweng mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi le ditaelo tse di kwadilweng fano. Baboledi botlhe ba tshwanetse go kgothalediwa gore ba dire dikabelo tse ba di neilweng. Batho ba ba tlholang ba tla dipokanong le bone ba ka ikwadisa, fa fela ba dumela dithuto tsa Baebele e bile ba tshela ka melaometheo ya Baebele. Molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tshwanetse go tlotla le motho yo o batlang go ikwadisa ka dilo tse di lebeletsweng mo go ene le go mmolelela gore a o a tshwanelega kgotsa jang. O tshwanetse go itsisiwe dilo tseno fa fela a na le mmoledi yo a ithutang Baebele le ene (kgotsa fa a na le motsadi wa gagwe yo e leng mmoledi). Go tshwanetse ga dirwa se se tshwanang fa motho a batla go nna mmoledi yo o sa kolobediwang.—od kgao. 8 ser. 8. 

MATSENO

2. Motsotso o le mongwe. Beke nngwe le nngwe, morago ga pina le thapelo e e simololang, modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tla naya bareetsi lemme la se ba tlileng go se ithuta mo pokanong ya beke eo. Modulasetulo o tshwanetse go gatelela dintlha tse di ka thusang phuthego.

  MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

 3. Puo: Metsotso e le 10. Setlhogo sa puo eno le dintlha tsa yone di tlhagelela mo kgatisong ya Bukana ya Botshelo le Bodiredi. Puo eno e tshwanetse go newa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang. Fa mmalo wa Baebele wa beke le beke o tswa mo bukeng e ntšha ya Baebele, go tla tshamekiwa bidio e e tlhalosang buka eo. Sebui se ka nna sa bontsha tsela e bidio eno e tsamaisanang ka yone le setlhogo sa puo. Mme o tshwanetse go netefatsa gore o tlhalosa dintlha tse di mo bukaneng ya pokano. Fa nako e letla, o tshwanetse go tlhalosa ditshwantsho ka gonne le tsone di tsamaisana le setlhogo sa puo. A ka nna a dirisa tshedimosetso e e tswang mo dikgatisong tse dingwe fa e le gore e tla mo thusa mo puong ya gagwe.

 4Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: Metsotso e le 10. Eno ke puo ya dipotso le dikarabo mme ga e tlhoke matseno kgotsa konelo. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang. O tshwanetse go botsa dipotso tsoopedi. Gape a ka tlhopha gore a ditemana di tlhoka go balwa kgotsa ga di tlhoke go balwa. Dikarabo ga di a tshwanela go feta metsotswana e le 30.

 5. Mmalo wa Baebele: Metsotso e le 4. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mokaulengwe. Ga e tlhoke matseno kgotsa konelo. Modulasetulo o tshwanetse go thusa baithuti ba ba neilweng puo eno gore ba itse go bala sentle, go bala ka tsela e e bontshang gore ba tlhaloganya se ba se balang, go bala ka thelelo, go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go fetofetola modumo wa lentswe sentle, go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng le go bala ka tsela ya tlholego. Ka dinako tse dingwe mmalo wa Baebele o ka nna moleele kgotsa mokhutshwane, ka jalo, molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tshwanetse go akanyetsa bokgoni jwa baithuti fa a ba abela kabelo eno.

 TLHAGAFALELA BODIREDI

6. Metsotso e le 15. Karolo eno e diretswe go thusa batho ba ba tlileng dipokanong gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go tlotla, go rera le go ruta. Bagolwane le bone ba ka abelwa dikabelo tsa karolo eno. Moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa thuto e a abetsweng go direla mo go yone mo boroutšhareng jwa Go Ruta kgotsa jwa Rata Batho. Thuto eno e tlhaga go bapa le kabelo e moithuti a e abetsweng mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Ka dinako tse dingwe go tla nna le karolo ya go tlotla le bareetsi. Karolo eno e tshwanetse go diriwa ke mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang.—Bona  serapa 15 go bona gore karolo ya go tlotla le bareetsi e ka diriwa jang.

 7. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha: Kabelo eno e ka diriwa ke mongwe le mongwe yo o ikwadisitseng go ka neela dipuo le go dira dipontsho. Mothusi wa gagwe o tshwanetse go nna wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe kgotsa e nne leloko la lelapa. Moithuti le mothusi wa gagwe ba ka tlhopha go nna kgotsa go ema fa ba dira kabelo eno.—Fa o batla go bona tshedimosetso le dipontsho tse di farologaneng, bona  serapa 12 le  13.

 8. Fa o Dira Maeto a go Boela: Kabelo eno e ka diriwa ke mongwe le mongwe yo o ikwadisitseng go ka neela dipuo le go dira dipontsho. Mothusi wa gagwe o tshwanetse go nna wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe. (km 5/97 ts. 3) Moithuti le mothusi wa gagwe ba ka tlhopha go nna kgotsa go ema fa ba dira kabelo eno. O tshwanetse go bontsha se a tla se buang fa a boela kwa mothong yo a ileng a tlotla le ene.—Fa o batla go bona tshedimosetso le dipontsho tse di farologaneng, bona  serapa 12 le  13.

 9. Fa o Dira Barutwa: Kabelo eno e ka diriwa ke mongwe le mongwe yo o ikwadisitseng go ka neela dipuo le go dira dipontsho. Mothusi wa gagwe o tshwanetse go nna wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe. (km 5/97 ts. 3) Moithuti le mothusi wa gagwe ba ka tlhopha go nna kgotsa go ema fa ba dira kabelo eno. Pontsho eno e tshwanetse go neelwa jaaka e kete thuto ya Baebele e ne e ntse e tsweletse mme ga se gone e simologang. Ga go tlhokege gore go nne le matseno kgotsa konelo, ntle le fa moithuti a neilwe taelo eo ya gore a berekele mo go yone. Ga go tlhokege gore dirapa tsotlhe di balwe, le fa gone seno se ka diriwa. 

10. Tlhalosa Se o Se Dumelang: Fa karolo eno e le puo ya mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi, e tshwanetswe go neelwa ke mokaulengwe. Fa e le pontsho, e ka neelwa ke mokaulengwe kgotsa kgaitsadi. Mothusi wa gagwe o tshwanetse go nna wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe kgotsa e nne leloko la lelapa. Moithuti o tshwanetse go araba potso ya setlhogo ka tsela e e utlwalang sentle, a dirisa tshedimosetso e a e neilweng. Fa o dira kabelo eno, o ka tlhopha go umaka kgatiso e e buang ka dintlha tseo kgotsa go bontsha gore dintlha tseo di tswa mo kgatisong efe.

 11. Puo: Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mokaulengwe. Fa dintlha tsa puo eo di tswa mo boroutšhareng jwa Rata Batho mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A, mokaulengwe yo o neelang puo eo o tshwanetse go tlhalosa gore ditemana tseo di ka dirisiwa jang kwa bodireding. Ka sekai, a ka tlhalosa gore temana eo e ka dirisiwa leng, e kaya eng, le gore re ka e dirisa jang go araba mongwe. Fa dintlha tsa puo eo di tswa mo thutong nngwe mo boroutšhareng jwa Rata Batho, motho yo o neelang puo eo o tshwanetse go tlhalosa gore re ka dirisa jang dintlha tseo mo bodireding. Moithuti a ka tlhopha go dirisa sekai se se tlhagelelang mo ntlheng ya ntlha mo thutong, kgotsa a ka tlhopha go dirisa ditemana tse di mo thutong e a berekelang mo go yone.

   12. Tshedimosetso: Dintlha tse di mo serapeng seno le se se latelang di thusa fa o abetswe kabelo ya “Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha” le ya “Fa o Dira Maeto a go Boela”. Ntle le fa go tlhalositswe ka tsela nngwe, maikaelelo a moithuti ke go bontsha mongwe boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng le gore a kgone go boa a etele motho yoo gape mo nakong e e tlang. Moithuti a ka tlhopha setlhogo se se mo nakong se se buang ka dilo tse di amang batho ba ba nnang mo lefelong leo. A ka dira tshwetso ya gore a o tla buelela kgatiso, kgotsa nngwe ya dibidio go tswa mo Lebokosong la go Ruta. Go na le gore moithuti a dirise motlotlo o a o tshwereng ka tlhogo, o tshwanetse go itlwaetsa mekgwa e e farologaneng ya go bua, e e jaaka go bontsha mong wa ntlo gore o a mo kgatlhegela.

   13. Dipontsho: Moithuti o tshwanetse go dira gore pontsho ya gagwe e tsamaisane le se se diragalang mo lefelong le a nnang mo go lone. Ka sekai:

  1. (1) Go Rera ka Ntlo le Ntlo: Pontsho eno e akaretsa go rera ka ntlo le ntlo—re ka tswa re le mo bodireding, re rera re dirisa founo, kgotsa re kwala makwalo—le go boela kwa bathong ba re ileng ra bua le bone mo nakong e e fetileng fa re ne re le mo bodireding.

  2. (2) Go Rera O se Mo Bodireding: Pontsho eno e bontsha gore o ka fetola motlotlo jang gore o kgone go neela bosupi. Seno se akaretsa go bua le mongwe kwa tirong, kwa sekolong, mo lefelong le o nnang mo go lone, o dirisa dipalangwa tsa botlhe, kgotsa o le kwa lefelong lengwe fa o ntse o dira ditiro tsa gago tsa botho.

  3. (3) Go Rera Phatlalatsa: Pontsho eno e akaretsa go rera o dirisa kolotsana, go rera kwa mafelong a kgwebo, go rera mo seterateng, go rera mo diphakeng, go rera kwa dikoloi di emang gone, kgotsa mo mafelong a re ka fitlhelang batho mo go one.

 14. Go Dirisa Dibidio le Dikgatiso: Moithuti a ka tlhopha go dirisa bidio kgotsa kgatiso, go ikaegile ka maemo. Fa kabelo ya moithuti e akaretsa bidio kgotsa a tlhopha go e dirisa, o tshwanetse go bontsha mothusi wa gagwe bidio le go tlotla ka yone mme a se ka a e tshameka.

  BOTSHELO JWA BOKERESETE

15. Morago ga pina, go tla nna le puo e le nngwe kgotsa tse pedi tse di tla thusang bareetsi gore ba dirise melaometheo e e mo Lefokong la Modimo. Dipuo tseo di tla tsaya metsotso e le 15. Dipuo tseno di tshwanetse go abelwa bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang mme puo ya dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko e tshwanetse go neelwa ke bagolwane fela. Fa puo eo e le motlotlo, mokaulengwe o tshwanetse go akanyetsa dipotso tse a ka di botsang bareetsi go akaretsa le tse di setseng di tlhagelela mo puong eo. Matseno a gagwe ga a tshwanela go nna maleele, gore a nne le nako e e lekaneng ya go tlhomolola dintlha fa a botsa bareetsi dipotso le gore ba kgone go akgela. Fa go na le potsolotso, motho yo o botsolodiwang o tshwanetse go nna mo seraleng, fa go kgonega.

  16. Thuto ya Baebele ya Phuthego: Metsotso e le 30. Thuto ya Baebele ya Phuthego e tshwarwa ke bagolwane ba ba tshwanelegang. (Diphuthego tse di se nang bagolwane ba ba lekaneng di ka nna tsa dirisa batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang.) Setlhopha sa bagolwane ke sone se se dirang tshwetso ya gore ke mogolwane ofe yo o tshwanelegang go tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego. Bagolwane ba ba tshwarang Thuto ya Baebele ya Phuthego ba tshwanetse go netefatsa gore ba e tshwara ka tsela e e tla thusang phuthego, ba se ka ba ja nako, ba gatelele ditemana tsa botlhokwa le go thusa phuthego gore e tlhaloganye dintlha tse go tlotliwang ka tsone. Bakaulengwe ba ba tshwanelegang go tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego ba ka solegelwa molemo ke go sekaseka ditaelo tse di buang ka gore karolo ya dipotso le dikarabo e tshwanetse go tshwarwa jang. (w23.04 ts. 24, lebokoso) Morago ga gore dintlha mo karolong e e ithutiwang mo bekeng eo di akarediwe sentle, ga go tlhokege gore motshwari wa thuto eno a tlhalose dintlha tse di oketsegileng. Fa go kgonega, thuto eno e ka tshwarwa ke bagolwane ba ba farologaneng beke le beke e bile go ka dirisiwa bakaulengwe ba ba farologaneng go bala dirapa. Fa modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi a kopa gore thuto eno e khutshwafadiwe, motshwari wa thuto eno o tla tshwanelwa ke go bona gore o tla e khutshwafatsa jang. A ka nna a tlhopha gore dirapa dingwe di se ka tsa balwa.

  DINTLHA TSE DI KONELANG

17. Metsotso e le 3. Modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tla boeletsa dintlha tsa botlhokwa tse di ithutilweng mo dipokanong. O tshwanetse go bua ka dintlha dingwe tse re tlileng go di ithuta mo bekeng e e latelang. Fa nako e mo letla, a ka nna a bua gore ke bomang ba ba mo sekolong sa bodiredi ba ba tla neelang dipuo mo bekeng e e tlang. Modulasetulo a ka nna a dira dikitsiso tse di tlhokegang le go bala makwalo a botlhokwa a a kwaletsweng phuthego ka nako ya fa a bua dintlha tse di konelang. Ga a tshwanela go dira dikitsiso tse di setseng di na le dithulaganyo tsa tsone tse di jaaka gore tshimo e tla dirwa kae, pokano ya teng e tla tshwarelwa kae, Holo ya Bogosi e tla phepafadiwa leng le gore ke setlhopha sefe se se tla phepafatsang. Dikitsiso tse di ntseng jalo di tshwanetse go bewa mo botong ya dikitsiso. Fa modulasetulo a lemoga gore go na le dikitsiso kgotsa makwalo a mantsi a a tlhokang go balwa e bile a ka se kgone go a bala otlhe mo metsotsong e a e neilweng go dira dintlha tse di konelang, o tshwanetse go kopa bakaulengwe ba ba nang le dipuo mo karolong ya Botshelo Jwa Bokeresete gore ba khutshwafatse dipuo tsa bone. (Bona  serapa 16 le  19.) Pokano eno e tshwanetse go konela ka pina le thapelo.

  GO AKGOLA LE GO GAKOLOLA

18. Fa moithuti a sena go neela puo, modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tla dirisa motsotso o le mongwe go akgola le go ntsha dikakantsho tse motho yoo a ka di dirisang go tswa mo thutong e a neng a e abetswe. Fa modulasetulo a bitsa moithuti gore a tle go neela puo, ga a tshwanela go bua gore moithuti yoo o berekela mo thutong efe. Mme fa moithuti a sena go neela puo, modulasetulo o tshwanetse go mo akgola. Go tswa foo, ke gone a ka buang gore moithuti o ne a berekela mo thutong efe. Gape o tla mo tlhalosetsa gore ke kae mo a dirileng bontle gone le gore ke kae mo a tlhokang go tokafatsa gone. Modulasetulo a ka nna a bua ka sengwe se a se boneng mo puong eno se a akanyang gore se ka thusa moithuti yo o neetseng puo kgotsa bareetsi. Fa go na le dintlha tse dingwe tse di tswang mo boroutšhareng jwa Rata Batho le jwa Go Ruta kgotsa mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi tse modulasetulo a batlang go di tlotla le moithuti yo o neetseng puo, a ka dira jalo morago ga dipokano kgotsa ka nako e nngwe. Dintlha tseo di ka tswa di tsamaisana le thuto e a neng a berekela mo go yone kgotsa mo thutong nngwe e sele.— Serapa 19,  24, le  25 di na le tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le tiro ya modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi le ya mogakolodi yo o thusang.

     NAKO

19. Ga go na ope yo o tshwanetseng go ja nako, modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi le ene ga a tshwanela go ja nako. Le fa Bukana ya Botshelo le Bodiredi e bontsha gore puo nngwe le nngwe e tshwanetse go tshwarwa ka metsotso e le kae, ga go tlhokege gore o lotolose puo gore o kgone go e neela mo nakong e o e neilweng fa dintlha tsotlhe di akareditswe. Fa go na le mongwe yo o jeleng nako, modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi kgotsa mogakolodi yo o thusang o tla bua le ene kwa thoko. (Bona  serapa 24 le  25.) Pokano yotlhe, go akaretsa pina le thapelo, e tshwanetse go tsaya ura e le nngwe le metsotso e le 45.

 FA MOLEBEDI WA POTOLOGO A ETETSE PHUTHEGO

20. Fa molebedi wa potologo a etetse phuthego, dipokano di tshwanetse go tshwarwa jaaka di tlhagelela mo kgatisong ya Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi mme go tla nna le diphetogo tse di latelang: Thuto ya Baebele ya Phuthego e ka se tshwarwe mme mo boemong jwa yone go tla nna le puo ya tirelo ya metsotso e le 30 e e neelwang ke molebedi wa potologo. Pele ga modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi a bitsa molebedi wa potologo gore a tle go neela puo ya tirelo, modulasetulo o tla sobokanya dintlha tsa pokano, a bue ka tsa beke e e latelang, a dire dikitsiso tse di tlhokegang a bo a bale le makwalo fa go tlhokega. Morago ga puo ya tirelo, molebedi wa potologo o tla konela pokano ka pina e a e tlhophileng mme a ka kopa mokaulengwe yo mongwe go konela dipokano ka thapelo. Fa molebedi wa potologo a etetse phuthego, ga go a tshwanela go nna le ditlelase tse dingwe. Fa go na le setlhopha sa puo e sele se se tshwarelang dipokano mo sekolong sa bobedi, se ka tswelela ka dipokano tsa sone mme ka nako ya puo ya tirelo ya molebedi wa potologo, ba tshwanetse go reetsa puo eo.

 KA BEKE YA KOPANO

21. Ka beke ya kopano, ga go kitla go tshwarwa dipokano. Phuthego e tshwanetse go gopodiwa gore ba dirise dintlha tsa pokano ya beke eo ka nako ya kobamelo ya lelapa. Fa o le nosi, o tshwanetse go di dirisa ka nako ya fa o ithuta.

 KA BEKE YA SEGOPOTSO

22. Fa e le gore letsatsi la Segopotso le mo gare ga beke, ga go kitla go nna le dipokano.

 MOLEBEDI WA POKANO YA BOTSHELO LE BODIREDI

23. Setlhopha sa bagolwane se tla tlhopha mogolwane yo o tla nnang molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Boikarabelo jwa gagwe ke go netefatsa gore pokano eno e tsamaya sentle le gore go latelwa ditaelo tseno. Ene le mogakolodi yo o thusang ba tshwanetse go dirisana mmogo. Fa go na le Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi e ntšha, molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tla abela baboledi dikabelo tsa dikgwedi tseo tse pedi. Seno se akaretsa dikabelo tsa baithuti, modulasetulo le dipuo tse dingwe. (Bona  serapa 3-16 le  24.) Fa a naya baithuti dikabelo o tshwanetse go akanyetsa dingwaga tsa bone, maitemogelo a ba nang le one le gore a ba tla kgona go dira kabelo eo ba phuthologile. O tshwanetse go dira se se tshwanang le fa a aba dikabelo tse dingwe. Molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tshwanetse go netefatsa gore o naya baboledi dikabelo tsa bone dibeke di le tharo pele ga ba tla go di neela. Foromo ya Dikabelo Tsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona Jwa Bokeresete (S-89) e tshwanetse go dirisediwa go abela baithuti dikabelo. Molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi o tshwanetse go tlhomamisa gore go nna go na le khopi ya dikabelo tsa baboledi kwa botong ya dikitsiso. Setlhopha sa bagolwane se ka tlhopha mogolwane mongwe kgotsa motlhanka wa bodiredi go mo thusa. Le fa go ntse jalo, bagolwane ke bone fela ba ba tshwanetseng go aba dikabelo tse di sa dirweng ke baithuti.

    MODULASETULO WA POKANO YA BOTSHELO LE BODIREDI

24. Beke le beke go tla nna le mogolwane yo o tla nnang modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. (Fa go se na bagolwane ba ba lekaneng, batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba ka nna ba dirisiwa.) Modulasetulo o tshwanetse go baakanyetsa dikakgelo tse di simololang le tse di konelang. Gape ke ene a bitsang dibui gore di tle mo seraleng go tla go neela dipuo mme fa e le gore ga go na bagolwane ba ba lekaneng mo phuthegong, a ka neela dipuo tse dingwe, segolobogolo karolo e go tshamekiwang bidio fela go sa tlotliwe ka yone. Dikakgelo tse a di dirang morago ga puo nngwe le nngwe di tshwanetse go nna dikhutshwane. Setlhopha sa bagolwane ke sone se se tlhophang gore ke mogolwane ofe yo o tshwanelegelang go nna modulasetulo wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Bagolwane ba ba tlhophilweng ba tla refosana. Go ikaegile ka maemo a phuthego, molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi a ka nna modulasetulo makgetlo a le mmalwa go feta bagolwane ba bangwe. Fa mogolwane a tshwanelega go tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego, go raya gore o kgona go nna modulasetulo wa pokano ya Botshelo le Bodiredi. Modulasetulo o tshwanetse go akgola batho ba ba neetseng dipuo e bile gape a ka ba bontsha dintlha tse ba tlhokang go berekela mo go tsone. Gape modulasetulo o tshwanetse go netefatsa gore dipokano di tswa ka nako. (Bona  serapa 17 le  19.) Fa serala se le segolo e bile go kgonega gore go bewe maekerofouno o mongwe, modulasetulo a ka ema fa maekerefounong oo gore sebui se bo se setse se eme mo go o mongwe pele modulasetulo a se bitsa. Fa modulasetulo a batla, a ka nna a dula mo tafoleng e e mo seraleng ka nako ya mmalo wa Baebele le ka dipuo tsa pokano ya Tlhagafalela Bodiredi. Seno se ka thusa go boloka nako.

   MOGAKOLODI YO O THUSANG

25. Fa e le gore go na le mogolwane yo o nang le lobaka a neela dipuo e bile a na le bokgoni jwa go ruta, ke ene a tlhokang go newa kabelo eno. Fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba nayang dipuo mo Pokanong ya Botshelo le Bodiredi, ba neela dipuo tsa phatlalatsa, ba ba tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Baebele ya Phuthego kgotsa ba ba balang dirapa, ba tlhoka go berekela mo ntlheng nngwe, mogakolodi yo o thusang a ka bua le bone kwa thoko go ba thusa mo ntlheng eo. (Bala  serapa 19.) Fa go na le bagolwane ba le mmalwa mo phuthegong ba ba nang le lobaka ba neela dipuo e bile ba na le bokgoni jwa go ruta, ba ka refosana kabelo eno ngwaga le ngwaga. Ga go tlhokege gore nako le nako fa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi a sena go neela puo, mogakolodi yo o thusang a bue le ene.

 FA GO NA LE DITLELASE TSE DINGWE

26. Fa go na le baithuti ba bantsi, phuthego e ka dira gore go nne le tlelase e nngwe. Mokaulengwe yo o tshwarang tlelase eo, o tlhoka gore e bo e le mogolwane. Fa go sa kgonege, go ka dirisiwa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang. Setlhopha sa bagolwane ke sone se se tlhophang bakaulengwe ba ba ka dirang kabelo eno e bile ke sone se dirang tshwetso ya gore a ba tla refosana kana jang. Mokaulengwe yo o tshwarang tlelase eo o tshwanetse go latela ditaelo tse di mo  serapa 18. Fa puo ya Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong e sena go fela, baithuti ba ba nang le dipuo mo tlelaseng ba tshwanetse go kopiwa gore ba ye kwa tlelaseng eo. Ba tshwanetse go boela fa karolo ya Tlhagafalela Bodiredi e sena go fela.

 DIBIDIO

27. Fa go na le dibidio tse di tlhokang go tshamekiwa ka nako ya dipokano, di ka tsewa mo JW Library®.

© 2023 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

S-38-TN 11/23