Opelelang Jehofa—Dipina Tse Disha

Itumelele dipina tse disha tse di diretsweng go baka le go obamela Jehofa Modimo. Itseele molodi le mafoko a dipina tseno tse di monate mo Internet mme o di ithute.

PINA 136

Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

Pina eno e e monate e baka Jehofa Modimo e le go bontsha gore Jesu ke kgosi ya Bogosi Jwa Modimo.

PINA 137

Re Neye Bopelokgale

Kopanela le rona mo go kopeng Jehofa Modimo gore a re neye bopelokgale jwa go bua ka leina la gagwe.

PINA 138

Leina la Gago ke Jehofa

Baka leina la ga Jehofa le le galalelang mme o itsise batho botlhe gore ke ene Mogodimodimo.

PINA 139

Ba Rute go Nitama

Kopo e e yang kwa go Jehofa Modimo ya gore a re sireletse le gore a re thuse go itshoka ka boikanyegi fa re ntse re le mo lobelong lwa botshelo.

PINA 140

Botshelo Jwa Mmulatsela

Bontsha gore o rata Jehofa le gore o itumelela tiro e e kgotsofatsang le botshelo jo o bo tlhophileng.

PINA 141

Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

Pina e e kgothatsang e e buang ka tsela e re ratang batho ka yone le maiteko a rona a go senka dinku tsa Modimo tse di tlhwatlhwakgolo.

PINA 142

Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

Opela ka bomolemo jwa ga Jehofa le ka seabe se re nang le sone mo go amogeleng batho ba mefuta yotlhe gore ba nne ditsala tsa Modimo.

PINA 143

Lesedi mo Lefatsheng le le Lefifi

Molaetsa wa rona o tshwana le lesedi mo lefatsheng le le lefifi.

PINA 144

Seno se ka Boloka Matshelo a Bone

Re tshwanetse go rera molaetsa wa Modimo go sa ntse go na le nako.

PINA 145

Go Ipaakanyetsa go Rera

Re ka nna ra boifa go ya bodireding, mme gone re ka kgona go nna le nonofo e re e tlhokang gore re atlege.

PINA 146

Lo go Diretse Nna

Jesu o tsaya tiro epe fela ya go bontsha lorato le ya kemonokeng e e direlwang bomorwaraagwe ba ba tloditsweng jaaka e kete e direlwa ene.

PINA 147

Thuo e e Kgethegileng

Jehofa o rata bomorwawe ba ba tloditsweng ka moya mme le bone ba rata go mo ikobela.

PINA 148

O re Neile Morwao yo o Tsetsweng a le Esi

Lebogela Jehofa mpho e a re neileng yone e e tlhwatlhwakgolo go di gaisa tsotlhe. E naya batho botlhe tsholofelo.

PINA 149

Go Lebogela Thekololo

Pontsho e kgolo ya lorato e batho ba kileng ba e bontshiwa, setlhabelo sa ga Jesu, e re naya lebaka la go leboga Jehofa go ya go ile.

PINA 150

Go Dira ka Natla

Bontsha gore o eletsa go ipelela go direla Jehofa ka tsela epe fela e a tla itumelelang go go dirisa ka yone.

PINA 151

Go Senolwa ga Bana ba Modimo

Re letetse ka tlhoafalo letsatsi la fa Jehofa a tla bo a tseela bomorwarraagwe Keresete kwa legodimong go ya go itumelela phenyo ya ga Jesu le go nna dikgosi.

PINA 152

Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

Fa ditlhobaelo tsa botshelo di dira gore re boife, Modimo a ka re naya maatla, tsholofelo le tshepo. Itseele mmino ono le mafoko a yone.

PINA 153

Wa Tle o Ikutlwe Jang?

O ikutlwa jang fa o dirile sotlhe se o ka se kgonang go batla batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa rona?

PINA 154

Re Tla Tswelela re Itshoka

Pina e e re thusang go itshokela mathata le go direla Jehofa go ya bokhutlong.