Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DITSELA TSA GO BONA BOITUMELO MO LELAPENG

Fa Ngwana wa Lona A na Le Bokoa mo Mmeleng

Fa Ngwana wa Lona A na Le Bokoa mo Mmeleng

CARLO: * “Morwarona e bong Angelo o na le bolwetse jwa “Down syndrome” (bolwetse jo bo bakang bogole mo tlhaloganyong le mo mmeleng). Bolwetse jwa gagwe bo dira gore re lape mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Akanya ka maatla a o a tlhokang go tlhokomela ngwana yo o itekanetseng mo mmeleng mme o bo o tshwanela ke go dirisa maatla ao ga lekgolo. Ka dinako tse dingwe go dira gore re nne le mathata mo lenyalong la rona.”

MIA: “Go tlhokega boitshoko le bopelotelele jo bontsi thata go ruta Angelo go dira le dilo tse di motlhofo tota. Fa ke lapile thata, gantsi monna wa me e bong Carlo wa ntsheleka e bile ke mo felela pelo. Ka dinako dingwe ga re dumalane ka dilo dingwe, mme re bo re feleletsa re ngangisana.”

A o gopola letsatsi la fa ngwana wa gago a ne a tsholwa? Ga go pelaelo gore o ne o gakaletse go tshwara ngwana wa gago. Le fa go ntse jalo, mo batsading ba ba tshwanang le Carlo le Mia boitumelo bo kopana le tlhobaelo fa ba bolelwa gore ngwana wa bone o a lwala kgotsa o na le bokoa mo mmeleng.

A lo na le ngwana yo o bokoa mo mmeleng? Lo ka tswa lo ipotsa gore a lo tla kgona go lebana le bokoa joo. Fa go le jalo, lo se ka lwa itlhoboga. Batsadi ba ba tshwanang le lona ba ile ba lebana le mathata a a tshwanang le ao ka katlego. Elang tlhoko dikgwetlho di le tharo tse di tlwaelegileng tse lo ka lebanang le tsone le kafa botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng bo ka lo thusang ka gone.

KGWETLHO 1: FA LO SA KGONE GO AMOGELA BOLWETSE JWA NGWANA.

Batsadi ba le bantsi ba ikutlwa ba kgobegile marapo fa ba utlwa gore ngwana wa bone o a lwala. Mmè mongwe wa kwa Mexico e bong Juliana a re: “Fa dingaka di ne di mpolelela gore morwarona e bong Santiago o na le bolwetse  jwa cerebral palsy, ke ne ke sa dumele. Ke ne ke tlaletswe tota.” Ba bangwe ba ka ikutlwa fela jaaka mmè mongwe wa kwa Italy e bong Villana. O bolela jaana: “Ke ne ka tlhopha go nna le ngwana le fa go ne go na le dikotsi tsa go nna le ngwana mo dingwageng tse ke neng ke le mo go tsone. Gone jaanong e re ka morwaake a na le bothata jo bo amanang le bolwetse jwa Down syndrome, ke ikutlwa ke le molato.”

Fa lo ikutlwa lo itlhoboga kgotsa lo ikutlwa lo le molato, itseng gore tsela e lo ikutlwang ka yone e tlwaelegile. Bolwetse e ne e se boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong. (Genesise 1:27, 28) Ga a bopa batsadi gore ba kgone go amogela motlhofo dilo tse e seng tsa tlholego. Ka tsela nngwe, lo tla tshwanelwa ke go “hutsafalela” se se lo latlhegetseng e leng boitekanelo jwa ngwana wa lona. Go tla tsaya nako go fenya maikutlo ano le go amogela seemo sa lona se sesha.

Go tweng fa lo ipega molato ka ntlha ya bokoa jwa ngwana wa lona? Gakologelwang gore ga go na ope yo o tlhaloganyang ka botlalo gore dilo tse re di gotsitseng, tikologo ya rona le dilo tse dingwe di ama botsogo jwa ngwana jang. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa simolola go pega molekane wa gago molato. Tila go dira jalo. O tla bo o dira sentle fa o ka dirisana le molekane wa gago le go tlhoma mogopolo mo go tlhokomeleng ngwana wa lona.—Moreri 4:9, 10.

KAKANTSHO: Ithuteng ka boemo jwa ngwana wa lona. Baebele ya re: “Go tlhokega botlhale go nna le lelapa le le siameng, e bile go tlhokega tlhaloganyo go dira gore le nonofe.”—Diane 24:3, New Century Version.

Lo ka ithuta go le gontsi mo go ba tsa kalafi le ka go bala dikgatiso tse di ka ikanngwang. Lo ka tshwantsha nako eo ya go ithuta ka bolwetse jwa ngwana wa lona le go ithuta puo e ntšha. Kwa tshimologong go ka nna thata mme lo ka e ithuta.

Carlo le Mia, ba ba umakilweng kwa tshimologong, ba ne ba batla tshedimosetso mo ngakeng ya bone le mo mokgatlhong o o itseng ka bolwetse jwa morwaabone. Ba bolela jaana: “Seno se re thusitse go tlhaloganya e seng fela mathata a re ka a lebelelang mme gape re ithutile ka dilo tse motho yo o nang le Down syndrome a ka kgonang go di dira. Re ne ra bona gore morwarona a ka tshela botshelo jo bo tlwaelegileng ka ditsela tse di farologaneng. Seno se ne sa re gomotsa thata.”

LEKANG SENO: Tlhomang mogopolo mo dilong tse ngwana wa lona a ka kgonang go di dira. Rulaganyang go dira dilo mmogo lo le lelapa. Fa ngwana wa lona a ka fitlhelela sengwe, le fa se ka nna sennye jang, nnang bonako go mo akgola mme lo itumele le ene.

KGWETLHO 2: FA LO IKUTLWA LO LAPILE E BILE GO SE NA OPE YO LO KA BUANG LE ENE.

Lo ka ikutlwa e kete go tlhokomela ngwana wa lona yo o lwalang go lo fetsa maatla. Mmè mongwe wa kwa New Zealand e bong Jenney a re: “Dingwaga di le mmalwa fa dingaka di sena go lemoga gore morwaake o na le bolwetse jwa go phatloga ga lerapo la mokwatla, fa ke leka go dira sengwe mo lelapeng ke ne ke atle ke ikutlwe ke lapile thata e bile ke batla go lela.”

Kgwetlho e nngwe e ka nna gore o ikutlwe o kgaphetswe kwa thoko. Ben o na le morwa yo o nang le bolwetse jwa go koafala mesifa le jwa Asperger’s syndrome. Ben a re: “Tota batho ba le bantsi ba ka se tlhaloganye gore re lebane le eng.” Lo ka tswa lo eletsa go bua le mongwe. Le fa go ntse jalo, ditsala tsa lona ka bontsi di na le bana ba ba se nang bokoa mo mmeleng. Ka jalo, lo ikutlwa lo okaoka go ba bolelela gore lo ikutlwa jang.

KAKANTSHO: Kopang thuso. Mme fa lo e newa e amogeleng. Juliana yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ka dinako dingwe nna le monna wa me re tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso.” Le fa go ntse jalo, o oketsa ka gore: “Re ithutile gore re tlhoka thuso ya batho ba bangwe. Fa batho ba bangwe ba re thusa, ga re ikutlwe re le nosi.” Fa tsala kgotsa mongwe wa lelapa a ithaopa go dula le ngwana wa lona kwa kokoanong ya boitlosobodutu kgotsa kwa dipokanong tsa Bokeresete, amogelang thuso eo ka boitumelo. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Tlhokomelang botsogo jwa lona. Fela jaaka ambulense e tlhoka go nna e tshela peterolo gore e kgone go tswelela e isa balwetse kwa bookelong, gore lo nne le maatla gape le lona lo tshwanetse go nna lo ja dijo tse di nang le dikotla, lo itshidila mmele le go ikhutsa gore lo kgone go tswelela lo naya ngwana wa lona tlhokomelo e a e tlhokang. Javier yo o nang le ngwana wa mosimane yo o golafetseng, o bolela jaana: “Morwaake ga a kgone go tsamaya, ka jalo, ke akanya gore ke tshwanetse go leka go ja sentle. Kana e bile, ke nna ke mo isang gongwe le gongwe ka gonne ke nna dinao tsa gagwe!”

Lo ka bona jang nako ya go tlhokomela botsogo jwa lona? Batsadi bangwe ba refosana go tlhokomela ngwana wa bone. Ka jalo, motsadi yo mongwe o kgona go ikhutsa kgotsa go dira dilo tse dingwe. Lo tla tlhoka go dirisetsa nako ya dilo tse di seng botlhokwa go dira dilo tse di botlhokwa mme go ka nna ga nna thata go nna tekatekano. Mme fela jaaka mmè mongwe wa kwa India e bong Mayuri a bolela, “Kgabagare o tlwaela thulaganyo eo ya ka metlha.”

 Buang le tsala e lo e tshepang. Le e leng ditsala tse di se nang bana ba ba lwalang e ka nna bareetsi ba ba pelotlhomogi. Gape lo ka rapela Jehofa Modimo. A tota thapelo e ka thusa? Yazmin yo o nang le bana ba babedi ba ba nang le bolwetse jwa cystic fribrosis (bolwetse jo bo sa alafegeng jo bo dirang gore motho a nne le mathata a go hema le a go sa kgone go sila dijo) o bolela jaana: “Go ne go nna le dinako tsa kgatelelo e e seng kana ka sepe tse ke neng ke ikutlwa e kete ke a swa.” Le fa go ntse jalo, o oketsa ka gore: “Ke rapela Jehofa gore a nthuse le go nnonotsha. Morago ga moo, ke ikutlwa gore nka kgona go tswelela.”—Pesalema 145:18.

LEKANG SENO: Elang tlhoko dilo tse lo di jang, gore lo itshidila mmele leng le gore lo robala nako e kana kang. Bonang gore a lo ka dirisa nako e lo e dirisang mo dilong tse di seng botlhokwa go tlhokomela botsogo jwa lona. Nnang lo fetola thulaganyo ya lona go ya ka seemo sa lona.

KGWETLHO 3: FA LO NAYA NGWANA WA LONA YO O LWALANG TLHOKOMELO E NTSI GO GAISA BA BANGWE MO LELAPENG.

Fa ngwana a lwala seo se ka dira gore lelapa le fetole dijo tse le di jang, kwa le yang teng le nako e batsadi ba e fetsang le ngwana mongwe le mongwe. Ka ntlha ya seo, bana ba bangwe ba ka ikutlwa e kete batsadi ba bone ba a ba tlhokomologa. Mo godimo ga moo, batsadi ba ka tshwarega thata ka go tlhokomela ngwana wa bone yo lwalang, mo e leng gore lenyalo la bone le feleletsa le nna le mathata. Rre mongwe wa kwa Liberia e bong Lionel o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe mosadi wa me a re ke ene a rwalang mokgweleo o montsi mme nna ga ke kgathalele ngwana wa rona. Ke ikutlwa ke nyenyefadiwa e bile ka dinako tse dingwe ga ke mo arabe sentle.”

KAKANTSHO: E le gore lo tlhomamisetse bana ba lona botlhe gore lo amega ka bone, rulaganyang go dira dilo tse ba di itumelelang. Jenney yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ka dinako dingwe re direla morwarona yo mogolo sengwe se se kgethegileng, le fa e ka nna go ja dijo tsa motshegare kwa resetšhurenteng e a e ratang.”

Bontsha gore o amega ka bana ba gago botlhe

Gore lo sireletse lenyalo la lona, bua le molekane wa gago mme lo rapele mmogo. Rre mongwe wa kwa India e bong Aseem yo morwawe a nang le bolwetse jwa go idibala a re: “Le fa ka dinako dingwe nna le mosadi wa me re atle re ikutlwe re lapile thata e bile re kgobegile marapo, re dirile thulaganyo ya gore re nne fa fatshe, re bue le go rapela mmogo. Moso mongwe le mongwe pele bana ba rona ba tsoga, re fetsa nako mmogo re tlotla ka temana nngwe go tswa mo Baebeleng.” Banyalani ba bangwe ba tlotla mmogo ba le bosi pele ba robala. Puisano ya lona lo le nosi le dithapelo tse di tswang pelong di tla nonotsha lenyalo la lona ka nako ya fa lo gateletswe thata mo maikutlong. (Diane 15:22) Jaaka banyalani bangwe ba bolela, “dinako tse di sa lebalesegeng tse re nnileng le tsone e nnile ka nako ya fa go ne go le thata tota.”

LEKANG SENO: Akgolang bana ba bangwe ba lona ka kemonokeng e ba e bontshang ngwana yo o lwalang. Ka metlha bolelela bana ba gago le molekane wa gago kafa o ba ratang le go ba anaanela ka teng.

TSWELELANG LO NA LE TSHOLOFELO

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa bolwetse bongwe le bongwe le bogole jo bo amang bana le bagolo. (Tshenolo 21:3, 4) Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” *Isaia 33:24.

Fa lo ntse lo letile seo, lo ka atlega lo le batsadi ba ngwana yo o bokoa mo mmeleng. Carlo le Mia ba ba nopotsweng pelenyana ba re: “Lo se ka lwa kgobega marapo fa go lebega go se na sepe se se tsamayang sentle. Tlhomang mogopolo mo dilong tse dintle tse ngwana wa lona a nang le tsone, ka gonne di dintsi.””

^ ser. 3 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 29 Lo ka bala mo go oketsegileng ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng tsa botsogo jo bo itekanetseng mo kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke tshwanetse go dira eng go boloka botsogo jwa me, maikutlo le kamano ya me le Jehofa di nonofile kafa go ka kgonegang ka teng?
  • Ke leng la bofelo ke ileng ka akgola bongwanake ba bangwe ka thuso ya bone?