Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BASHA

A go Siame go Tshameka Metshameko e e Kotsi?

A go Siame go Tshameka Metshameko e e Kotsi?

KGWETLHO

“Ke ne ka ema gaufi le terena e e neng e taboga ka lobelo lo logolo e e neng e feta mo logageng. Seo se ne sa dira gore ke itumele thata mme e ne e kete mathata a me a fedile.”—Leon. *

Fa ke ne ke itatlhela mo metsing go tswa mo thabeng e e kwa godimo thata, ke ne ka ikutlwa ke itumetse tota. Ga ntsi ke ne ke itumelela go dira jalo mme ka dinako tse dingwe go ne go tshosa.”—Larissa.

Fela jaaka Leon le Larissa, basha ba le bantsi ba itumelela go lekeletsa dilo tse di kotsi. A le wena o eletsa go dira jalo? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

O ka tlwaela go tshameka metshameko e e kotsi. E ka dira gore o itumele thata ka nakwana mme o eletse go dira jalo gape. Marco yo o neng a tsena mo magageng a diterena jaaka Leon, a re: “Go ne go sa rarabolole mathata a me. Ke ne ka itumela ka nakwana. Mme gone ke ne ke batla go ya gape.”

Justin yo o neng a tshwara dikoloi tse di fetang gore a taboge ka lobelo lo lo kwa godimo a rwele ditlhako tsa maotwana, a re: “Ke ne ka itumela thata ke bo ke batla go ya gape. Ke ne batla go kgatlha batho mme ke ne ka thanya ke le kwa bookelong.”

Go gatelelwa ke dithaka go ka dira gore o se ka wa akanya sentle. Lekawana lengwe le le bidiwang Marvin la re: “Ditsala tsa me di ne di nkgothaletsa go palama kago e e kwa godimo ke sa dirise sepe, ba bo ba nkgoa ba ntse ba re: ‘Nna o ye. O ka kgona.’ Ke ne ke ikutlwa ke sa sireletsega. Fa ke ntse ke palama lobota ke ne ke roroma.” Larissa yo go builweng ka ene a re: “Ke ne ke dira se ba bangwe ba se dirang. Ke ne ke sa gane sepe.”

Batho bangwe ba dirisa Internet go gatelela ba bangwe go tshameka metshameko eo. Ba tlotlomatsa batho ba ba tshamekang metshameko eo ba bo ba dira gore e lebege e se kotsi. Tota e bile, batho bangwe ba anamisa dibidio mo Internet go bontsha ba bangwe dilo tse batho ba ba ratang metshameko eo ba di dirang. Seo se dira gore ba itsiwe le go ratiwa.

Ka sekai, dibidio dingwe tse di tlwaelegileng di bontsha batho ba itiga kgotsa ba palama dikago kgotsa dipota ba taboga mme ba dira jalo ba sa itshireletsa. Seno se ka dira gore o akanye gore (1) Ga go kotsi go le kalo. (2) Mongwe le mongwe o a go dira. O ka feleletsa o batla go lekeletsa dilo tse di ka tsenyang botshelo jwa gago mo kotsing.

Go na le ditsela tse di botoka tsa go lekeletsa bokgoni jwa gago. Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” (1 Timotheo 4:8) Mme gape ya re o “tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo.” (Tito 2:12) O ka dira seo jang?

SE O KA SE DIRANG

Akanya ka dikotsi tsa gone. Baebele ya re: “Yo o botlhale o tla dira ka kitso, mme yo o sematla o tla anamisetsa boeleele kgakala.” (Diane 13:16) Pele o tshameka motshameko mongwe, itse dikotsi tsa one. Ipotse jaana: ‘A motshameko ono o tla tsenya botshelo jwa me mo kotsing?’—Molaomotheo wa Baebele: Diane 14:15.

Tlhopha ditsala tse di tlotlang botshelo. Ditsala tsa mmatota ga di ka ke tsa go kgothaletsa go dira selo se se kotsi kgotsa se o sa batleng go se dira. Larissa a re: “Ditsala tsa mmatota di ne tsa nthusa go tlhopha metshameko e e siameng. Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga fa ke sena go tlhopha ditsala tse di siameng.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 13:20.

Ipotse jaana: ‘A motshameko ono o tla tsenya botshelo jwa me mo kotsing?’

Dirisa bokgoni jwa gago o sa tsenye botshelo jwa gago mo kotsing. Buka ya Adolescent Risk Behaviors ya re “go ithuta go ipeela melao le melelwane” go bontsha gore o a gola. O ka leka bokgoni jwa gago mo lefelong le le sireletsegileng o dirisa dilo tsa go itshireletsa e bile o le kelotlhoko.

Bontsha gore o a itlotla. Batho ba tla go tlotla fa ba bona gore o kgona go lebana le dikgwetlho, e seng fa o tsenya botshelo jwa gago mo kotsing. Larissa a re: “Go itiga mo dithabeng e ne e le tshimologo ya dilo tse di kotsi tse ke neng ke di dira. Go ka bo go nnile botoka fa nkabo ke ithutile go ipeela melelwane.”

Sa botlhokwa: Go na le go tshameka metshameko e e kotsi, tlhopha boitlosobodutu jo bo bontshang gore o kgona go akanya sentle.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 15:24.

^ ser. 4 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.