Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha ba Bangwe Lorato

Bontsha ba Bangwe Lorato

Go Senyegile Kae

Go tlhaola ba bangwe ga e se selo se se itsamaelang fela. Fela jaaka go tsaya nako gore motho a fole, go ka tsaya nako gore mokgwa oo o tswe mo mothong. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa tlhaola batho?

Molaomotheo wa Baebele

“Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—BAKOLOSA 3:14.

Lekwalo leno le re ruta eng? Fa re direla batho ba bangwe dilo tse di molemo, seo se tla dira gore re utlwane le bone. Fa o rata batho ba bangwe, ga o kitla o ba tlhoa.

Se o Ka se Dirang

Batla ditsela dingwe go bontsha batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe gore o a ba rata. O ka nna wa leka go dira dilo tse di latelang:

Fa o ntse o bontsha ba bangwe gore o a ba rata ga o kitla o ba tlhaola

  • O ka nna wa ba direla sengwe se se molemo jaaka go ba bulela kgoro kgotsa go ba sutela gore ba nne fatshe fa lo palame bese.

  • Tlotla le bone le fa gone lo ka se ka lwa tlhaloganyana golo gongwe.

  • Nna pelotelele fa o sa tlhaloganye dilo dingwe tse ba di dirang.

  • O ba kgothatse fa ba go bolelela ka mathata a bone.