Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TORA YA TEBELO No. 1 2023 | Malwetse a Tlhaloganyo​—Baebele E ka Go Thusa

Batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba tshwenngwa ke malwetse a tlhaloganyo. Basha le bagolo ba maemo a a farologaneng ba tshwanelwa ke go lebana le matshwao a a ngomolang pelo a bothata jono. Malwetse a tlhaloganyo ke eng, mme a ama batho jang? Makasine ono o tla tlotla ka botlhokwa jwa go batla kalafi e e tshwanetseng le kafa Baebele e ka thusang ka gone batho ba ba nang le malwetse ano.

 

Malwetse a Tlhaloganyo a Aparetse Lefatshe Lotlhe

Batho ba maemo a a farologaneng ba amiwa ke malwetse a tlhaloganyo. Bona kafa Baebele e ka go thusang ka gone gore o kgone go lwantshana le malwetse ao.

Modimo O a Go Kgathalela

Goreng o ka tlhatswega pelo gore Jehofa Modimo o tlhaloganya se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka gone go gaisa motho ope yo mongwe?

1 | Thapelo—‘Latlhela Ditlhobaelo Tsotlhe Tsa Gago mo go Ene’

A o ka rapela Modimo ka sengwe le sengwe fela se se go tshwenyang? Thapelo e ka thusa jang batho ba ba nang le bothata jwa go tlhobaela?

2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’

Molaetsa wa Baebele o re naya tsholofelo ya gore go ise go ye kae, re tla bo re sa tlhole re utlwa botlhoko mo maikutlong.

3 | Kafa Dikao Tsa mo Baebeleng Di ka Go Thusang ka Gone

Dipego tsa Baebele tse di buang ka banna le basadi ba ba neng ba na le maikutlo a a tshwanang le a rona, di ka re thusa gore re se ka ra ikutlwa re le nosi fa re lwantshana le maikutlo a a ngomolang pelo.

4 | Baebele E na Le Kgakololo e e Mosola

Bona kafa go akanya ka ditemana tsa Baebele le go ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela go ka go thusang ka gone gore o itshokele bothata jwa tlhaloganyo.

Re ka Thusa Jang Batho ba ba Nang le Malwetse a Tlhaloganyo?

Go ema nôkeng tsala ya gago e e nang le bolwetse jwa tlhaloganyo go ka mo thusa.