Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO IKANYEGA?

Melemo ya go Ikanyega

Melemo ya go Ikanyega

“Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

Mo Baebeleng, lefoko la ntlhantlha la Segerika le ka dinako dingwe le ranolwang e le “go ikanyega,” tota le kaya “sengwe se se molemo thata.” Gape le ka nna le bokao jwa sengwe se se jesang matlho monate jaaka go leba boitshwaro jo bontle jwa motho mongwe.

Bakeresete ba tsaya masisi mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” Seno se akaretsa eng?

NTWA YA MO TENG

Batho ba le bantsi ba iteba mo seiponeng moso mongwe le mongwe. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla go lebega ba le bantle. Mme gone, go na le sengwe se se botlhokwa thata go gaisa go nna le moriri o montle kgotsa go apara diaparo tse dintle tsa feshene. Eleruri, motho yo re leng ene mo teng a ka oketsa bontle jwa rona jwa ka fa ntle kgotsa a bo senya.

Lefoko la Modimo le dumela le sa tikatike gore re na le tshekamelo ya go dira se se sa siamang. Genesise 8:21 ya re: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” Ka jalo, gore re nne re ikanyega, re tshwanetse go lwantsha tshekamelo e re tsholwang re na le yone ya go dira boleo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana ntwa e a neng a e lwa kgatlhanong le boleo: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.”—Baroma 7:22, 23.

Ka sekai, fa pelo ya rona e re tlhotlheletsa go dira bosula mme re ikutlwa re na le tshekamelo e kgolo ya gore re se ka ra ikanyega, ga re patelesege go ineela. Re sa ntse re ka tlhopha go dira se se siameng. Fa re tlhopha go gana tlhotlheletso e e sa siamang, re ka tswelela re ikanyega le fa re tshela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba sa ikanyegeng.

GO FENYA NTWA

Gore re tswelele re ikanyega, re tlhoka melao ya boitsholo e e tsepameng. Mme gone, se se utlwisang botlhoko ke gore batho ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba akanya ka tsela e ba aparang ka yone go na le go akanya ka boitshwaro jwa bone. Ka ntlha ya seo, ba buelela ditiro tsa bone tsa go sa ikanyege. Buka ya, The (Honest) Truth About Dishonesty e bua jaana ka kgang eno: “Tota re nna re tsietsa go ya bokgakaleng jwa gore re dumele gore re sa ntse re ikanyega.” A mme go na le sengwe se se ka re thusang go dira tshwetso ya gore ke go sa ikanyegeng mo go kana kang—fa e le gore go teng—mo go amogelesegang? Tota se teng.

Batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba lemogile gore Baebele ke yone e ka thusang ka tsela e e molemo. E na le melao ya boitsholo e e molemo go gaisa epe fela. (Pesalema 19:7) E na le kaelo e e ka ikanngwang e e buang ka dikgang tsa botshelo jwa lelapa, tiro, boitsholo le go nna le kamano le Modimo. Kgakololo ya yone ga e felelwe ke nako. Melao le melaometheo ya yone e thusa batho ba ditšhaba tsotlhe, ba ditso tsotlhe le ba merafe yotlhe. Fa re tlhodumela mo Baebeleng, re tlhatlhanya ka se e se buang e bile re dirisa kgakololo ya yone, re ka kgona go thapisa pelo ya rona gore e ikanyege e bo e tlhamalale.

Mme gone, go tlhokega sengwe gape gore re kgone go fenya ntwa ya go sa ikanyege. Kana e bile re tshela mo lefatsheng le le tletseng boitsholo jo bo maswe le le re gatelelang gore re amogele mekgwa ya lone e e sa siamang. Ke ka moo go leng botlhokwa gore re rapele Modimo gore a re thuse le go re ema nokeng. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Fa re dira jalo, re ka kgona go nna le bopelokgale jwa go emela se se siameng le go ikanyega mo dilong tsotlhe.

MELEMO YA GO IKANYEGA

Hitoshi, yo go builweng ka ene pelenyana, o solegetswe molemo ke go itsege e le modiri yo o ikanyegang. Gone jaanong o berekela mothapi yo o anaanelang boikanyegi jwa gagwe. Hitoshi a re: “Ke leboga go bo ke bone tiro e e dirang gore ke tswelele ke na le segakolodi se se se nang molato.”

Go na le batho ba bangwe ba le bone ba ikutlwang jalo. Ela tlhoko dikai tsa bangwe ba ba ileng ba solegelwa molemo ke go dirisa molaomotheo wa Baebele wa “go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”

  • Segakolodi Se se Se Nang Molato

    “Ke ne ka tlogela sekolo ke le dingwaga di le 13 gore ke ye go bereka le magodu. Ka ntlha ya seo, diperesente di le 95 tsa lotseno lwa me e ne e le tsa go sa ikanyege. Moragonyana ke ne ka nyalwa, mme nna le monna wa me re ne ra simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra ithuta gore Jehofa * Modimo o tlhoile ditiro tsa go sa ikanyege, ka jalo, re ne ra dira tshwetso ya go fetola botshelo jwa rona. Ka 1990 re ne ra ineela mo go Jehofa mme ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.”—Diane 6:16-19.

    “Mo nakong e e fetileng, ntlo ya me e ne tletse ka dilo tsa bogodu, mme ga di tlhole di le teng; seno se dira gore ke nne le segakolodi se se phepa. Fa ke akanya ka dingwaga tse dintsi tsa fa ke ne ke sa ikanyege, ke leboga go bo Jehofa a le kutlwelobotlhoko thata. Ruri ke ikutlwa ke kgotsofetse tota fa ke ya go robala bosigo bongwe le bongwe ke itse gore jaanong ke itumedisa Jehofa.”—Cheryl, Ireland.

    “Fa mothapi wa me a ne a lemoga gore ke ganne go amogela pipamolomo mo moreking mongwe, o ne a nthaya a re: ‘Modimo wa gago o go thusa go nna motho yo o ikanyegang tota! Ruri re lesego go bo o berekela khampani ya rona.’ Go ikanyega mo dilong tsotlhe go nthusa gore ke nne le segakolodi se se se nang molato fa pele ga ga Jehofa Modimo. Gape go nthusa gore ke thuse ba lelapa la me le batho ba bangwe gore le bone ba ikanyege.”—Sonny, Hong Kong.

  • Go Ritibala mo Mogopolong

    “Ke letsogo la moeteledipele kwa bankeng ya boditšhabatšhaba. Mo kgwebong eno, go huma go tsewa go le botlhokwa thata go feta go ikanyega. Go na le kgopolo e e tumileng thata ya gore, ‘Bothata ke eng fa o dira tiro e nnye fela ya go sa ikanyege fa e le gore seno se tla dira gore o hume e bile se tla thusa ikonomi?’ E re ka ke ikanyega, ke nna ke ritibetse mo mogopolong. Ke ikemiseditse go nna ke ikanyega le go lebana le maemo ape fela a a ka nnang teng ka ntlha ya seno. Bathapi ba me ba a itse gore nka se ba aketse e bile nka se dumele gore ba ntlhotlheletse go bua maaka.”—Tom, United States.

  • Go Itlotla

    “Moeteledipele wa me kwa tirong o ne a ntlhotlheletsa gore ke bue maaka kaga dilo dingwe tse di neng di nyeletse kwa tirong, mme ke ne ka gana. Fa kgabagare batho ba ba neng ba di utswile ba bonwa, mothapi wa me o ne a ntebogela go bo ke ikanyega. Go tlhokega bopelokgale gore o nne o ikanyega mo lefatsheng leno le le se nang boikanyegi. Mme kwa bofelong, ba bangwe ba ka kgona go re ikanya e bile ba ka re tlotla.”—Kaori, Japane.

Go nna le segakolodi se se se nang molato, go ritibala mo mogopolong le go itlotla—eno ke melemo e e bontshang gore ruri go ikanyega go solegela molemo. A ga o dumalane le seno?

^ ser. 18 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.