Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Le fa Ke sa Utlwe mo Ditsebeng ke sa Ntse ke Ruta ba Bangwe

Le fa Ke sa Utlwe mo Ditsebeng ke sa Ntse ke Ruta ba Bangwe

Ke kolobeditswe ka 1941 ke na le dingwaga di le 12. Mme gone, ke ne ka simolola go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng ka 1946. Seno se ne sa direga jang? Mma ke lo tlotlele kgang ya me.

KA BO1910, batsadi ba me ba ne ba fuduga kwa Tbilisi, Georgia, ba ya go nna kwa polasing e e gaufi le Pelly, Saskatchewan, e e kwa bophirima jwa Canada. Ke ne ka tsholwa ka 1928 mme ke gofejane mo lelapeng la bana ba le barataro. Rre o ne a tlhokafala dikgwedi di le thataro pele ke tsholwa mme Mmê ene o ne a tlhokafala fa ke sa ntse ke le lesea. Moragonyana ga moo, kgaitsadiake e bong Lucy, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 17. Morago ga moo, malome Nick o ne a re tsaya gore re ye go nna le ene.

Letsatsi lengwe fa ke sa le monnye, batho ba kwa gae ba ne ba mpona ke goga pitse ka mogatla. E re ka ba ne ba tshaba gore pitse eo e tla nthaga, ba ne ba nkgoa ba nkgalema mme ga ke a ka tlogela. Ke ne ke ba hularetse mme ga ke a ka ba utlwa. Ka lesego, ga ke a ka ka gobala mme batho ba kwa gae ba ne ba lemoga letsatsi leo gore ga ke utlwe mo ditsebeng.

Rre mongwe yo re mo itseng o ne a akantsha gore ke isiwe sekolong sa bana ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ka jalo, Malome Nick o ne a nkisa kwa sekolong sa kwa Saskatoon, Saskatchewan. Ke ne ka ya kwa sekolong seo se se neng se le kgakala le kwa ba lelapa la gaetsho ba neng ba nna gone mme e re ka ke ne ke na le dingwaga di le tlhano, ke ne ke tshogile tota. Ke ne ke ya gae ka malatsi a boikhutso fela. Kgabagare, ke ne ka ithuta puo ya diatla mme ka itumelela go tshameka le bana ba bangwe.

GO ITHUTA BOAMMAARURI

Ka 1939, kgaitsadiake e bong Marion, o ne a nyalwa ke Bill Danylchuck mme ba ne ba ntsaya le kgaitsadiake yo mongwe e bong Frances gore re ye go nna le bone. Ke bone ba ntlha mo lelapeng la rona go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ka nako ya malatsi a boikhutso fa ke ba etetse, ba ne ba leka ka natla go nthuta dilo tse ba neng ba di ithutile mo Baebeleng. E re ka ba ne ba sa itse puo ya diatla, go ne go le thata go buisana le bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bona gore ke rata boammaaruri. Ke ne ke lemoga gore se ba se dirang se dumalana le se Baebele e se buang, ka jalo, ke ne ke tsamaya le bone fa ba ya go rera. Go ise go ye kae, ke ne ke batla go kolobediwa, ka jalo, ka September 5, 1941, ke ne ka kolobediwa mo tankeng ya tshipi e e neng e tletse ka metsi a a tsididitsididi a a tswang mo sedibeng!

Ke na le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng kwa kopanong ya kwa Cleveland, Ohio, ka 1946

Ka 1946 fa ke ne ke etetse kwa gae, re ne re ya kwa kopanong ya kwa Cleveland, Ohio, U.S.A. Mo letsatsing la ntlha la kopano, bokgaitsadiake ba ne ba refosana go nkwalela dintlha gore ke se ka ka latlhegelwa. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la bobedi ke ne ka itumela tota fa ke utlwa gore go ne go na le setlhopha sa batho ba ba sa utlweng ba ba neng ba tolokelwa dipuo tsa kopano ka puo ya diatla. Ke ne ka kgona go itumelela thulaganyo ya kopano mme go ne go le monate tota go tlhaloganya dithuto tsa Baebele sentle!

GO RUTA BATHO BOAMMAARURI

Ka nako eo, Ntwa ya Lefatshe II e ne e sa tswa go khutla mme batho ba ne ba batla go bontsha gore ba ikanyega mo nageng ya bone. Fa ke tswa kwa kopanong, ke ne ke ikemiseditse gore ke tla emela bodumedi jwa me kwa sekolong. Ka jalo, ke ne ka tlogela go dumedisa folaga le go opela pina ya setšhaba. Gape ke ne ka tlogela go keteka malatsi a boikhutso le go ya kwa ditirelong tsa kereke tse di neng di dirwa kwa sekolong. Seno se ne sa kgopisa barutabana ba me mme ba ne ba leka go ntshosetsa le go bua maaka gore ke tle ke fetole mogopolo. Eno e ne ya nna kgang ya moruthutha mo gare ga baithutimmogo le nna mme seno se ne sa dira gore ke nne le tshono ya go ba rerela. Baithutimmogo le nna e bong Larry Androsoff, Norman Dittrick le Emil Schneider ba ne ba amogela boammaaruri mme ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Fa ke etela ditoropo tse dingwe, ke tlhomamisa gore ke rerela batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ka sekai, fa ke ne ke etetse lefelo le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kopanelang kwa go lone kwa Montreal, ke ne ka rerela lekawana lengwe le e neng e le leloko la segongwana sengwe e bong Eddie Tager. O ne a kopanela le phuthego ya puo ya diatla ya kwa Laval, Quebec go fitlha a tlhokafala ngwaga o o fetileng. Gape ke ne ka kopana le Juan Ardanez yo o neng a tshwana le Baberea ka gonne o ne a dira dipatlisiso go bona gore a se a neng a se ithuta mo Baebeleng ke boammaaruri. (Dit. 17:10, 11) Le ene o ne a amogela boammaaruri mme a direla ka boikanyegi e le mogolwane kwa Ottawa, Ontario, go fitlha a tlhokafala.

Ke le mo bodireding jwa mmila ka bo1950

Ka 1950, ke ne ka fudugela kwa Vancouver. Le fa gone ke rata go rerela batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ga nkitla ke lebala nako ya fa ke ne ke rerela mosadi mongwe yo o utlwang mo ditsebeng e bong Chris Spicer. O ne a dumela gore a nne a romelelwa dimakasine e bile o ne a batla gore ke kopane le monna wa gagwe e bong Gary. Ka jalo, ke ne ka ba etela mme re ne ra nna le motlotlo o moleele re buisana ka go kwalelana melaetsa mo pampireng. Ke ne ka ba feleletsa ka lone letsatsi leo mme ke ne ka boa ka kopana le bone gape dingwaga di le mmalwa moragonyana kwa kopanong ya kwa Toronto, Ontario. Gary o ne a tlile go kolobediwa ka lone letsatsi leo. Kgang eno e ne ya dira gore ke lemoge gore go botlhokwa gore re tswelele re rera ka gonne ga re itse gore ke mang a ka amogelang boammaaruri le gore seo se ka direga leng.

Moragonyana, ke ne ka boela kwa Saskatoon. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le mmê mongwe yo o neng a nkopa gore ke ithute Baebele le bomorwadie ba babedi ba ba sa utlweng mo ditsebeng e bong Jean le Joan Rothenberger mme ba ne ba tsena kwa sekolong se ke neng ke tsena kwa go sone fa ke sa le monnye. Go ise go ye kae, basetsana bano ba ne ba tlotlela baithutimmogo le bone dilo tse ba neng ba di ithuta. Kgabagare, bana ba le batlhano ba mo tlelaseng ya bone e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa. Mongwe wa bone e ne e le Eunice Colin. Ke ne ka kopana la ntlha le ene fa ke ne ke dira ngwaga wa bofelo kwa sekolong seo. Ka nako eo, o ne a mpha dimonamone a bo a kopa gore re nne ditsala. Moragonyana, o ne a nna motho wa botlhokwa tota mo botshelong jwa me, o ne a nna mosadi wa me.

Ke na le Eunice ka 1960 le ka 1989

Fa mmaagwe Eunice a utlwa gore o ne a ithuta Baebele, o ne a kopa mogokgo wa sekolo sa bone gore a mo tlogedise go ithuta. Mogokgo yoo o ne a bo a tsaya dibuka tsa gagwe tsa go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, Eunice o ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo go Jehofa. Fa a ne a batla go kolobediwa, batsadi ba gagwe ba ne ba mo raya ba re: “Fa o ka nna Mosupi wa ga Jehofa, re tlile go go leleka!” Fa Eunice a na le dingwaga di le 17, o ne a tsamaya mme lelapa lengwe la Basupi le ne la nna le ene. O ne a tswelela a ithuta mme moragonyana a kolobediwa. Fa re ne re nyalana ka 1960, batsadi ba gagwe ga ba a ka ba tla lenyalong la rona. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba simolola go re tlotla ka ntlha ya tumelo ya rona le tsela e re neng re godisa bana ba rona ka yone.

JEHOFA O ILE A NTLHOKOMELA

Morwaake e bong Nicholas le mosadi wa gagwe e bong Deborah, ba direla kwa Bethele ya kwa London

Le fa re sa utlwe mo ditsebeng, re kgonne go godisa bana ba basimane ba le supa ba ba utlwang mo ditsebeng. Go ne go se motlhofo go dira jalo, le fa go ntse jalo, re ne ra ba ruta puo ya diatla gore re kgone go buisana le bone le go ba ruta boammaaruri. Bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ne ba re thusa thata. Ka sekai, motsadi mongwe o ne a re kwalela a re bolelela gore morwaarona o ne a bua dilo tse di maswe mo Holong ya Bogosi. Re ne ra kgona go mo kgalemela ka yone nako eo. Bomorwaarona ba le banê e bong James, Jerry, Nicholas le Steven, ba direla Jehofa ka boikanyegi le malapa a bone. Botlhe ba direla e le bagolwane. Mo godimo ga moo, Nicholas le mosadi wa gagwe e bong Deborah, ba thusa ka tiro ya go ranola puo ya diatla kwa ofising ya lekala ya Boritane mme Steven le mosadi wa gagwe e bong Shannan, ba direla mo setlhopheng sa thanolo sa puo ya diatla kwa ofising ya lekala ya kwa United States.

Bomorwaake e bong James, Jerry le Steven mmogo le basadi ba bone ba ema nokeng tiro ya go rera ya puo ya diatla ka ditsela tse di farologaneng

Ka maswabi, kgwedi pele re keteka dingwaga di le 40 re nyalane, Eunice o ne a tlhokafala ka ntlha ya kankere. O ne a le pelokgale le fa gone a ne a lebane le boemo joo jo bo thata. Tsholofelo ya tsogo e ne e mo nonotsha. Ke lebile pele go boa ke kopana le ene gape.

Faye le James, Jerry le Evelyn, Shannan le Steven

Ka February 2012, ke ne ka wa mme ka robega noka, go ne go bonala gore ke tlile go tlhoka thuso. Ka jalo, ke ne ka ya go nna le mongwe wa bomorwaake le mosadi wa gagwe. Gone jaanong, re kopanela le Phuthego ya Puo ya Diatla ya Calgary mme ke sa ntse ke direla ke le mogolwane. Tota e bile, leno ke lekgetlho la ntlha ke kopanela le phuthego ya puo ya diatla. Akanya fela! Ke ntse ke kopanela le phuthego ya Seesemane go tloga ka 1946. Ke ne ka kgona jang go nna ke nonofile mo tumelong? Jehofa o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya go tlhokomela bana ba ba se nang borraabone. (Pes. 10:14) Ruri ke anaanela maiteko a botlhe ba ba neng ba iketleeleditse go nkwalela dintlha, go ithuta puo ya diatla le go ntolokela ka moo ba neng ba kgona ka gone.

Ke le kwa sekolong sa babulatsela sa Puo ya Diatla ya Amerika ke na le dingwaga di le 79

Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe ke ne ke kgobega marapo ke bo ke batla go ineela ka gonne ke sa tlhaloganye sengwe se se buiwang kgotsa ka gonne go ne go bonala batho ba sa tlhaloganye maemo a me. Le fa go ntse jalo, ka dinako tseo, ke ne ke akanya ka mafoko a Petere a ileng a a bolelela Jesu fa a ne a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:66-68) Fela jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ke godileng le bone ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ke ithutile go nna pelotelele. Ke ithutile go leta Jehofa le phuthego ya gagwe mme ke solegetswe molemo ke go dira jalo! Gone jaanong ke na le letlepu la dithuto tsa boammaaruri ka puo ya me e bile ke kgona go itumelela go ya dipokanong le kwa dikopanong tsa Puo ya Diatla ya Amerika. Eleruri ke nnile le botshelo jo bo monate e bile ke bone masego a mantsi mo tirelong ya ga Jehofa Modimo.