Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ditena tse di fitlhetsweng kwa Babelona wa bogologolo le tsela e di dirilweng ka yone e bontsha jang gore Baebele e boammaaruri?

BAITHUTAMAROPE ba fitlhetse ditena tsa letsopa tse dintsi kwa Babelona wa bogologolo tse di neng di dirisiwa go aga motse oo. Moithutamarope yo o bidiwang Robert Koldewey a re ditena tseo di ne di direlwa kwa leubelong le le neng le le kwa ntle ga motse. Kwa lefelong leo go ne go na le letsopa le lentsi le dikgong tse dintsi.

Gape baithutamarope ba fitlhetse bosupi jo bo bontshang gore balaodi ba kwa Babelona ba ne ba dirisa leubelo go dira sengwe se se maswe. Paul-Alain Beaulieu yo e leng porofesa kwa University of Toronto a re: “Mekwalo ya bogologolo ya kwa Babelona e bontsha gore kgosi e ne e laela gore batho ba ba neng ba sa mo ikobele kgotsa ba sa tlotle medimo ya Babelona, ba ne ba tshwanetse go fisediwa mo leubelong la molelo.” Ka sekai, mokwalo mongwe wa motlha wa ga Kgosi Nebukadenesare o a re: ‘Ba bolayeng, ba latlheleng mo leubelong, dirang gore mosi wa bone o kuele kwa godimo.’

Seno se re gopotsa se go buiwang ka sone mo go Daniele kgaolo 3. Pego eno e re gopotsa gore Kgosi Nebukadenesare o ile a dira setshwantsho se segolo sa gauta kwa lebaleng la Dura le le neng le le kwa ntle ga motse wa Babelona. Fa makawana a mararo a Bahebera e bong Shaderake, Meshake le Abedenego ba gana go ikobela setshwantsho seo, Nebukadenesare o ne a galefa a bo a laela gore leubelo le gotediwe “ga supa go feta kafa le neng le tle le gotediwe ka gone” le gore makawana ano a latlhelwe “mo leubelong la molelo le le tukang.” Mme moengele o ile a ba golola.​—Dan. 3:1-6, 19-28.

© The Trustees of the British Museum. Licensed under CC BY-NC-SA 4.0. Source

Setena sa letsopa se go kwadilweng leina la ga Nebukadenesare mo go sone

Ditena tse di fitlhetsweng kwa Babelona le tsone di bontsha gore Baebele e boammaaruri. Bontsi jwa tsone di na le mafoko a a tlotlomatsang kgosi. Ka sekai, mangwe a mafoko ao a balega jaana: “Nebukadenesare, Kgosi ya Babelona . . . Ntlo ya segosi e Nna, Kgosi e Kgolo ke e agileng . . . E kete ditlogolwana tsa me di ka busa mo go yone ka bosakhutleng.” Mafoko ano a tshwana le a Nebukadenesare a ileng a a bua a ikgogomosa mo go Daniele 4:30 a a reng: “A ono ga se Babelona yo Mogolo o nna ka bonna ke o agileng ka nonofo ya me le ka maatla a me gore e nne ntlo ya segosi le o ke o agileng gore ke bontshe kgalalelo le tlotlomalo ya me?”