Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Mokapelo wa Gago a Ratana

Fa Mokapelo wa Gago a Ratana

“Ke batlile ke ema pelo fa monna wa me a mpolelela gore o a ntlogela ka gore o ratana le mosadi yo monnyane mo go nna. Ke ne ke utlwisiwa botlhoko thata ke gore ke mo diretse dilo tse dintsi.” —Maria wa kwa Spain.

“Ke ne ke utlwile botlhoko thata fa mosadi wa me a ntlogela. Go ne go ile fela jalo ka dilo tse re neng re ikaeletse go di dira mmogo. Ka dinako tse dingwe ke tla bo ke ithaya ke re ke lebetse kgang eo, mme go tla diragala sengwe se se tla e nkgopotsang gape.”—Bill wa kwa Spain.

GO BOTLHOKO fa o nyetse motho a bo a tswa a ya go ratana le motho yo mongwe. Mme go na le batho ba ba kgonang go itshwarela bakapelo ba bone ba bo ba leka go baakanya lenyalo. * Le fa lenyalo le ka siama kgotsa dilo tsa pala, kgang eo e sa ntse e tla utlwisa yo o diretsweng phoso botlhoko. Batho bao ba ka dirang gore ba kgone go itshoka le fa go le botlhoko?

DITEMANA TSA BAEBELE TSE DI KA GO THUSANG

Baebele e gomoditse banyalani ba le bantsi ba ba diretsweng phoso. Batho bano ba ithutile gore Modimo o tlhaloganya botlhoko jo ba leng mo go jone.—Malaki 2:13-16.

“Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala, . . .  dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”Pesalema 94:19.

Bill a re: “Fa ke bala temana eno, e ne e kete Jehofa o sidila maikutlo a me fela jaaka rre a sidila ngwana yo o utlwileng botlhoko.”

“[Modimo] o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”Pesalema 18:25.

Go ile ga feta dikgwedi monna wa ga Carmen a ratana le mosadi yo mongwe. Carmen o ile a itse ka kgang eo mme a re: “Le fa monna wa me a ile a ratana le mosadi yo mongwe, ke ne ke itse gore Jehofa o a nthata e bile ga a kitla a nkutlwisa botlhoko.”

“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo . . . a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.”Bafilipi 4:6, 7.

Sasha a re: “Fa ke bala temana eno kgapetsakgapetsa e bile ke rapela, Modimo o nthusa gore ke kgone go itshoka.”

Batho ba re buileng ka bone ba kile ba batla go itlhoboga. Mme ba ile ba ithuta go tshepa Jehofa Modimo le go tshepa Lefoko la gagwe Baebele. Bill a re: “Go tshepa Modimo go ile ga dira gore ke lemoge gore le fa ke utlwisitswe botlhoko, go sa ntse go na le motho yo o nkgathalelang. Le fa ke ne ke ‘tsamaya mo mogogorong wa moriti wa loso,’ Modimo o ne a na le nna.”—Pesalema 23:4.

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso ya gore a o ka tlhala kgotsa a o ka mo itshwarela, bala makasine wa Tsogang! ya May 8 1999, ya setlhogo se se reng “Fa Molekane a sa Ikanyege.”