Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolwetse Jwa Marinini—A bo Ka go Tshwara?

Bolwetse Jwa Marinini—A bo Ka go Tshwara?

KE BONGWE jwa malwetse a legano a a anameng thata mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, fa bolwetse jono bo sa ntse bo simologa bo ka nna jwa se ka jwa bontsha matshwao ape ka yone nako eo. Bolwetse jono bo itsege ka go nna bofitlha jalo mo go kotsi. Lokwalopaka lwa International Dental Journal lwa re malwetse a a amang meno ke mangwe a malwetse a a “bakelang setšhaba bothata jo bo masisi jwa botsogo.” Gape lwa re bolwetse jwa legano bo ama “batho le ditšhaba fela thata ka gonne motho o utlwa botlhoko, o a boga, ga a kgone go itumelela dijo sentle e bile bo mo kgoreletsa go itumelela botshelo.” Tlhaloso ka bolwetse jono jo bo anameng e ka go thusa gore o se ka wa nna mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa marinini.

Dintlha ka Bolwetse Jwa Marinini

Bolwetse jwa marinini bo tsamaya ka dikgato tse di farologaneng. Bo simolola ka go ruruga marinini, mo go bidiwang gingivitis. Fa marinini a tswa madi seo se ka supa gore bo mo seemong seo. Madi a ka tswa fa motho a ikgotlha kgotsa a itsukula meno ka floss kgotsa a ka itswela fela go sa twe sepe. Gape go tswa madi fa motho a ntse a tlhatlhobiwa marinini le gone go ka supa gore o na le gingivitis.

Fa bolwetse jwa marinini bo etegela go feta foo, bo bidiwa periodontitis. Mo seemong seno, dilo tse di tshegetsang meno a gago tse di jaaka dithishu tsa marapo kgotsa tsa marinini di simolola go senyega. Fa bolwetse jwa marinini bo le mo seemong seno, bo ka nna jwa se ka jwa iponatsa go fitlha bo setse bo etegetse thata. Matshwao mangwe a periodontitis e ka nna diphatlha fa gare ga marinini le meno; go tshikinyega meno; diphatlha fa gare ga meno; go nkga legano; go gonyela marinini mo go dirang gore meno a lebege a le maleele; le go tswa madi mo marinining.

Se se Bakang Bolwetse Jwa Marinini le Diphelelo Tsa Jone

Go na le dilo di le mmalwa tse di ka dirang gore motho a nne mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa marinini. Se gantsi se bakang bolwetse jono ke dibaketeria tse di ratang go pakelana mo godimo ga meno, di itira se se bidiwang plaque. Fa plaque e sa tlosiwe, baketeria eno e ka baka go ruruga ga marinini. Fa go ntse go ya, marinini a simolola go katoga meno, mme seo se letla gore plaque e e  tletseng baketeria e fetele mo teng ga lerinini. Fa baketeria e setse e fetetse koo, dithishu tsa lerapo le tsa marinini di simolola go senyega. Plaque e e mo leinong kwa godimo ga lerinini kgotsa mo teng ga lerinini e ka omelela ya nna calculus (e gantsi e bidiwang tartar). Calculus le yone e tletse baketeria mme e re ka e le thata e bile e ngaparela leino thata, ga go motlhofo go e tlosa jaaka plaque. Ka jalo baketeria e ka tswelela e senya marinini.

Go na le dilo tse dingwe tse di ka dirang gore o nne mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa marinini. Tseno di ka akaretsa go se tlhokomele legano sentle, melemo e e kgoreletsang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, go tshwaediwa ke dibaerase, kgatelelo ya maikutlo, bolwetse jo bo sa laolweng jwa sukiri, go nwa bojalwa mo go feteletseng, go goga motsoko le go fetoga ga dihoromone ka ntlha ya go ima.

Bolwetse jwa marinini bo ka go ama le ka ditsela tse dingwe. Go utlwa botlhoko mo leganong kgotsa go kgolega meno ka ntlha ya bolwetse jwa marinini go ka go kgoreletsa go tshotlha dijo le go di itumelela. Tsela e o buang ka yone le e o lebegang ka yone di ka amega. Gape dipatlisiso di bontsha gore fa motho a se na malwetse a mo leganong, o nna le botsogo jo bo botoka jwa mmele ka kakaretso.

Go Lemoga le go Alafa Bolwetse Jwa Marinini

O ka itse jang gore o na le bolwetse jwa marinini? O ka nna wa lemoga mangwe a matshwao a a setseng a umakilwe mo setlhogong seno. Fa o a lemoga, go ka nna botlhale go ya kwa ngakeng ya meno e e ka tlhatlhobang seemo sa marinini a gago.

A bolwetse jwa marinini bo ka alafega? Fa e le gone bo simololang, bo ka alafiwa. Fa bo setse bo itirile periodontitis, jaanong se se ka dirwang ke go thibela gore bo se ka jwa etegela mme jwa senya marapo le dithishu tse di fa thoko ga meno. Dingaka tsa meno di dirisa dithulusu tse di kgethegileng tse di kgonang go tlosa plaque le calculus mo menong a gago, kwa godimo ga lerinini le kwa tlase ga lone.

Tota le fa o sa kgone go bona thuso ya dingaka tsa meno motlhofo kgotsa o sa kgone gotlhelele, se se ka thusang gore o se ka wa tsenwa ke bolwetse jono jo bo kotsi jo bo bofitlha ke go bo thibela. Tsela e e molemolemo ya go thibela bolwetse jwa marinini ke go tlhokomela meno le legano ka tsela e e tshwanetseng e bile e le ka metlha.