Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | FENG-LING YANG

Moithuti wa Ditshedi Tse Dinnyennye o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moithuti wa Ditshedi Tse Dinnyennye o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Feng-Ling Yang ke mothusimogolo wa tsa dipatlisiso mo setheong se segolo sa dipatlisiso sa kwa Taipei, Taiwan. Tiro ya gagwe e gatisitswe mo makwalopakeng a saense. O kile a bo a dumela kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. Mme o ne a fetola mogopolo. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tiro ya gagwe ya saense le ka tumelo ya gagwe.

Re tlhalosetse gore o godile jang.

Batsadi ba me ba ne ba humanegile thata, e bile mmè ga a ise a ke a tsamaye a ithute go bala. Re ne re ruile dikolobe gape re lema merogo mo lefelong le le neng le ratwa ke merwalela gaufi le toropo ya Taipei. Batsadi ba me ba ne ba nthuta botlhokwa jwa go dira ka natla ba bo ba nthuta go thusa batho ba bangwe.

A lelapa la gaeno le ne le le mo bodumeding bongwe?

Lelapa la gaetsho le ne le le mo bodumeding jwa Bo-Tao. Re ne re direla “Modimo wa Legodimo” ditlhabelo mme re ne re sa itse sepe ka ene. Ke ne ke a tle ke ipotse gore: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba boga? Goreng batho ba le bogagapa?’ Ke ne ka bala dibuka tse di buang ka Bo-Tao le Bobuda le ka hisitori ya dinaga tsa kwa Botlhaba le Bophirima. Ke ile ka ba ka etela dikereke di le mmalwa. Mme ke ne ke sa kgone go bona dikarabo tsa dipotso tsa me.

Ke ka ntlha yang fa o ile wa ithuta saense?

Ke ne ke rata dipalo mme ke ne ke kgatlhiwa ke kafa melao ya fisikisi le ya khemiseteri e laolang ka teng tsela e dilo di bopegileng ka yone. Sengwe le sengwe, go simolola ka lobopo lo lo boitshegang go fitlha ka ditshedi tse dinnyennye, se na le popego e e laolwang ke melao. Mme ke ne ke batla go tlhaloganya melao eo.

Ke ka ntlha yang fa o ne o dumela gore kgopolo ya go iphetogela ga dilo go nna tse dingwe e boammaaruri?

Ke sone fela se ke neng ke se rutilwe. Go tloga fa ke ne ke simolola sekolo se segolwane go fitlha kwa yunibesithing, ke ne ka rutiwa fela gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. Mme morago ga foo, e re ka ke ne ke le mmatlisisi mo saenseng ya ditshedi, go ne go lebeletswe gore ke dumele thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe.

E re ka ke ne ke le mmatlisisi mo saenseng ya ditshedi, go ne go lebeletswe gore ke dumele thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe

 Ke eng se se dirileng gore o simolole go bala Baebele?

Ka 1996 ke ne ka ya go nna kwa Jeremane gore ke simolole dithuto tsa me tsa fa ke sena go aloga. Mo ngwageng o o latelang ke ne ka kopana le mosadi mongwe yo o bidiwang Simone. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a ithaopela go mpontsha dikarabo tsa dipotso tsa me go tswa mo Baebeleng. Fa a ne a mpolelela gore Baebele e tlhalosa gore re tshelelang, ke ne ka kgatlhegela go utlwa mo go oketsegileng. Ke ne ka simolola go tsoga ka 4:30 moso le moso gore ke fetse ura ke bala Baebele. Go tswa foo ke ne ke tswa ke ya go iphutholola maoto gore ke tlhatlhanye. Mo ngwageng o o latelang ke ne ka bala Baebele yotlhe. Ke ne ka kgatlhiwa ke kafa boporofeti jwa yone bo leng boammaaruri ka teng. Fa nako e ntse e ya ke ne ka tlhatswega pelo gore Baebele e tswa kwa Modimong.

O ne o akanya gore botshelo bo simologile kae?

Fa ke ne ke simolola go akanyetsa seno kwa teng mo bowelong jwa bo1990, baitsethutotshelo ya ditshedi ba ne ba simolola go lemoga gore khemiseteri e e amanang le ditshedi e raraane thata go feta kafa go neng go akanngwa ka gone mo nakong e e fetileng. Gone ke boammaaruri gore baitsesaense ba ne ba sa bolo go itse gore go ya ka khemiseteri, diporoteine tse di mo diseleng tse di tshelang ke dimolekhule tse di raraaneng thata go gaisa tsotlhe tse di leng teng. Mme jaanong ba ne ba lemoga kafa ditlhopha tse di feletseng tsa diporoteine di rulagantsweng ka teng gore di bope metšhine e e matsetseleko e e nang le dikarolo tse di tsamayang. Motšhine wa dimolekhule o ka bopiwa ka diporoteine di feta 50. Tota le sele e e sa raraanang gotlhelele e tlhoka metšhine e mentsi e e farologaneng—ka sekai, gore e kgone go nna le maatla, go oketsa tshedimosetso le go laola se se tsenang ka di-membrane.

O ne wa swetsa ka go reng?

Ke ne ka ipotsa gore, ‘Go tlile jang gore metšhine eno ya poroteine e rulagane sentle jaana?’ Ka nako eo, tsela e e sa lebelelwang e disele tseno di neng di raraane ka yone e ne ya dira gore baitsesaense ba le mmalwa ba ipotse yone potso eo. Porofesa wa saense ya ditshedi kwa United States o ne a gatisa buka a tlhalosa gore metšhine ya dimolekhule e e mo diseleng tse di tshelang e raraane thata mo e ka se keng ya bo e itlhagetse ka boyone fela. Ke ne ke dumalana le seo. Ke ne ke akanya gore botshelo bo tshwanetse jwa bo bo tlhamilwe.

Ke ne ka ipotsa gore, ‘Go tlile jang gore metšhine eno ya poroteine e rulagane sentle jaana?’

Ke ka ntlha yang fa o ile wa nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?

Ke ne ka kgatlhiwa ke gore le fa Simone a ne a na le mathata a botsogo, o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 56 beke le beke gore a tle go nthuta Baebele. Ke ne ka utlwa gore ka motlha wa Banasi kwa Jeremane, bangwe ba Basupi ba ne ba tswalelwa mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go se nne le seabe mo dipolotiking. Ke ne ka amiwa thata ke bopelokgale jwa bone. Tsela e Basupi ba ratang Modimo ka yone e ne ya dira gore ke batle go tshwana le bone.

A go dumela mo Modimong go go solegetse molemo?

Badirimmogo le nna ba re jaanong ke itumetse go feta pele. Nkile ka bo ke inyatsa ka gonne ke goletse mo khumanegong, ka jalo ke ne ke se ke ke bolelela ope gore ke goletse kae le fa e le go umaka batsadi ba me. Mme ke ithutile mo Baebeleng gore Modimo ga a lebe motho go ya ka maemo a gagwe mo setšhabeng. Tota e bile Jesu o goletse mo lelapeng le le ka tswang le ne le humanegile fela jaaka lelapa la gaetsho. Jaanong ke tlhokomela batsadi ba me e bile ke rata go ba itsise mo ditsaleng tsa me.