Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Epilepsy

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Epilepsy

MOTHO yo o mo itseng o wela fa fatshe a idibetse. Mmele wa gagwe o a gagamala, mme o simolola go roroma tlhogo, maoto le matsogo. Fa o itse gore motho yono o na le bolwetse jwa epilepsy, go na le sengwe se o ka se dirang go mo thusa fa lo ntse lo letetse thuso. A re tlotleng ka dintlha dingwe tsa botlhokwa ka bolwetse jono jo gantsi bo sa tlhaloganngweng sentle.

Epilepsy ke eng? Ke bolwetse jwa boboko jo bo dirang gore motho a tlhaselwe ka bokhutshwane ke se se bidiwang di-seizure [go idibala ka tshoganyetso]. Gantsi seizure e tsaya metsotso e e kwa tlase ga e le metlhano. Boemo jo bo tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno gantsi bo diragala fa motho a na le se se bidiwang grand mal seizure [mofuta o o masisi wa go idibala].

Ke eng se se dirang gore motho a nne le di-seizure? Babatlisisi ba dumela gore di-seizure di nna gone fa ka tshoganyetso go nna le koketsego e kgolo ya motlakase mo diseleng tsa boboko. Ga go itsiwe sentle gore ke eng fa go direga.

Fa ke bona motho yo o nang le epilepsy a nna le grand mal seizure ke tshwanetse go dira eng? Buka ya The Encyclopedia of the Brain and Brain Disorders ya re: “Batho ba ba gaufi le molwetse ba tshwanetse go mo tlogela, ba se ka ba mo tshwara fa a ntse a roroma mme ba ele tlhoko fela gore ga go na sepe se se ka mo tlhagisetsang kotsi fa a wetseng teng le gore o kgona go hema.” Kafa letlhakoreng le lengwe, buka eno ya re: “Ba tshwanetse go mmiletsa ambulense fa seizure e tsaya metsotso e e fetang e metlhano, fa a tlhaselwa ke seizure e nngwe morago ga e nngwe kgotsa fa a sa kgone go thanya metsotso e le mmalwa fa seizure e sena go fela.”

Nka thusa molwetse jang ka nako ya fa a na le seizure? Baya sengwe se se jaaka mosamo kafa tlase ga tlhogo ya gagwe mme o tlose dilo dipe fela tse di bogale fa thoko ga tlhogo ya gagwe. Fa molwetse a setse a kgaoditse go roroma, robatsa molwetse o mo sekamisitse jaaka go bontshitswe mo setshwantshong mo tsebeng e e latelang.

Ke tshwanetse go dira eng fa molwetse a thanya? Sa ntlha, mo tlhomamisetse gore dilo tsotlhe di apere tshiamo. Go tswa foo mo thuse go ema mme o mo kaele gore a ye kwa lefelong le a ka kgonang go ikhutsa mo go lone. Bontsi jwa batho fa ba sena go nna le seizure ba ikutlwa ba tlhakane tlhogo e bile ba otsela; mme ba bangwe ba kgona go itharabologelwa ka bonako ba bo ba tswelela ka se ba neng ba se dira pele ba idibala.

A batho botlhe ba ba nang le di-seizure tsa epilepsy ba a wa ba bo ba roroma? Nnyaa. Balwetse bangwe ba nna nakonyana ba sa kgone go bona gore go diragalang fa ba leng teng mme gone ba sa we. Seno se bidiwa petit mal seizure (kgotsa absence seizure), mme gantsi e tsaya nako e khutshwane fela mme go se na ditlamorago dipe. Batho bangwe ba ba tshwerweng ke epilepsy ba nna le di-petit mal seizure tse di tsayang lobaka lo loleele, mo e ka  nnang metsotso e le mmalwa. Mo maemong a a ntseng jalo, molwetse a ka tsamayatsamaya mo phaposing, a goga diaparo tsa gagwe kgotsa a itshwara ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang. Morago ga seizure, a ka utlwa a tsewa ke sedidi.

Go ntse jang go tshela ka bolwetse jwa epilepsy? Go a utlwala go bo bontsi jwa batho ba ba nang le epilepsy ba nna ba na le poifo ya gore ba tla tlhaselwa ke seizure leng gape le gone ba le kae. Ka ntlha ya go tshaba go tsenwa ke matlho, ba ka nna ba rata go nna ba le mo go se nang batho ba le bantsi gone.

Nka thusa jang motho yo o nang le bolwetse jwa epilepsy? Mo kgothaletse gore a ntshe maikutlo a gagwe a se ka a a fitlha. Nna moreetsi yo o molemo. Mmotse gore a ka rata gore o direng fa a tlhaselwa ke seizure. E re ka bontsi jwa batho ba ba nang le epilepsy ba sa kgweetse, gongwe o ka ithaopela go mo kgweeletsa kgotsa go mo direla dilo dingwe.

A go ka kgonega gore di-seizure di fokotsege—kana di thibelwe? Go na le dilo tse di ka dirang gore molwetse wa epilepsy a tshabelelwe ke di-seizure, jaaka go gatelelwa mo maikutlong le go se bone boroko jo bo lekaneng. Ka jalo, baitse ba kgothaletsa batho ba ba nang le epilepsy gore ba ikhutse mo go lekaneng mme ba ikatise mmele ka metlha, e le gore ba fokotse kgatelelo ya mo maikutlong. Ba bangwe ba ile ba thusiwa le ke go nwa melemo go thibela di-seizure.