Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Kurose yo Mogolo

Kurose yo Mogolo

Go ya ka khalendara ya motlha wa segompieno, mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., motse wa Babelona o e leng motsemogolo wa Mmusomogolo wa Babelona o ne wa diragalelwa ke sengwe se go neng go lebega se ka se kgonege. Mo bosigong joo jwa ditiragalo tsa botlhokwa, motse ono o ne wa thankgolwa ke masole a Bameda le Baperesia a eteletswe pele ke Kgosi Kurose wa Baperesia, yo gape a itsiweng e le Kurose yo Mogolo. Leano le a neng a le dirisa le ne le le botlhale.

KAFA KUROSE A GAPILENG BABELONA KA TENG

Buka ya Ancient World Leaders—Cyrus the Great ya re: “Fa Kurose a ne a swetsa ka gore o tla fenya Babelona, e ne e setse e le motse o o tlotlegang go gaisa yotlhe ya Botlhabagare—gongwe yotlhe e e mo lefatsheng—ka gonne e le motse wa bogologolo.” Babelona e ne e le fa gare ga Noka ya Euferatese, e gape e neng e tlatsa mesele e e neng e dikologile dipota tse dikgolo tsa motse ono mme dilo tseno ka bobedi di ne di sireletsa motse gore o se ka wa tlhaselwa motlhofo.

Banna ba ga Kurose ba ne ba faposa metsi a noka ya Euferatese kwa noka e elelang gone pele e fitlha kwa Babelona, se se neng sa dira gore metsi a a neng a dikologile motse a fokotsege. Go tswa foo masole ano a ne a ralala noka a ya kwa dikgorong tsa motse tse di neng di tlogetswe di butswe mme a thopa Babelona a sa kgorelediwe ke sepe. Borahisitori ba Bagerika e bong Herodotus le Xenophon ba re Bababelona ba ne ba ikutlwa ba babalesegile mo motseng wa bone o o sireletsegileng mo e leng gore mo letsatsing le ba tlhasetsweng ka lone bontsi jwa bone ba ne ba le mo moletlong, go akaretsa le kgosi! (Bona lebokoso le le reng,  “Mokwalo o mo Loboteng.”) Mo godimo ga moo, phenyo ya ga Kurose e ne ya diragatsa dingwe tsa dipolelelopele tse di gakgamatsang tsa Baebele.

Baebele e ne ya bolelela pele gore Kurose o ne a tla fenya Babelona

 DIPOLELELOPELE TSE DI GAKGAMATSANG

Dipolelelopele tsa ga Isaia di botlhokwa, segolobogolo ka gonne di ne tsa kwalwa mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele di diragala—gongwe dingwaga di le 150 tota le pele Kurose a tsholwa! Ela tlhoko dipolelelopele tse di latelang:

  • Monna yo o bidiwang Kurose o ne a tla fenya Babelona a bo a golola Bajuda.—Isaia 44:28; 45:1.

  • Noka ya Euferatese e ne e tla kgala mme seo se ne se tla dira gore masole a ga Kurose a kgone go tsena mo motseng.—Isaia 44:27.

  • Dikgoro tsa motse di ne di tla tlogelwa di sa tswalwa.—Isaia 45:1.

  • Masole a Babelona a ne a tla ‘tlogela go tlhabana.’ —Jeremia 51:30; Isaia 13:1, 7.

GO GOLOLWA KA TSELA YA KGAKGAMATSO

Pelenyana, ka 607 B.C.E., masole a Babelona a ne a swafatsa Jerusalema mme a isa bontsi jwa bafalodi kwa botshwarwa. Bajuda ba ne ba tla nna lobaka lo lo kae kwa botshwarwa? Modimo o ne a re: “Fa dingwaga di le masome a supa di sena go wela ke tla sekisa kgosi ya Babelona le setšhaba seo . . . ke tla . . . dira [Babelona] kgakgabalo ka bosakhutleng.”—Jeremia 25:12.

Jaaka go umakilwe, Kurose o ne a gapa Babelona ka 539 B.C.E. Morago fela ga foo, o ne a golola Bajuda mme ba ne ba simolola go goroga kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.—dingwaga di le 70 ba sena go fudusiwa. (Esera 1:1-4) Mme fa e le Babelona yone, kgabagare e ne ya ‘kgakgabadiwa’—bosupi jo bongwe jwa gore boporofeti jwa Baebele bo boammaaruri.

KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITSE?

Ela tlhoko dintlha tseno: Baebele e ile ya bolelela pele (1) go isiwa botshwarwa ga Bajuda dingwaga di le 70, (2) go fenya Babelona ga ga Kurose le dintlha tsa konokono tsa leano la gagwe le (3) go kgakgabadiwa ga Babelona. Kitso e e ntseng jalo ya dilo tse di iseng di direge e ne e ka se tswe mo bathong fela! Go a utlwala go swetsa ka go re: “Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong.” (2 Petere 1:21) Eleruri go a tshwanela gore re sekaseke Baebele.

^ ser. 36 Mafoko ano a kaya selekanyo sa madi. Go bona tlhaloso ka botlalo, bona kgaolo 7 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.