Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mekgwa e Mengwe ya Kalafi mo Boemong Jwa go Tshela Madi

Mekgwa e Mengwe ya Kalafi mo Boemong Jwa go Tshela Madi

BAITSE ba ba di gogang kwa pele go tswa kwa dinageng di feta 40 ba ne ba kopana kwa Moscow kwa kokoanong e e bidiwang 60th Jubilee International Congress of the European Society for Cardiovascular and Endovascular Surgery ka May 20-22, 2011. Mmegadikgang mongwe wa thelebishene wa kwa Russia o ne a re: “Dingaka di tsaya tiragalo e e tshwanang le eno e le botlhokwa fela jaaka baatleletiki ba tsaya metshameko ya Diolimpiki e le botlhokwa.”

Selo se se neng sa ngoka kgatlhego ya batho mo kokoanong eno ya malatsi a le mararo e ne e le lefelo la pontsho le le nang le tshedimosetso ka kalafi e e ka dirisiwang mo boemong jwa go tshela madi. Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo la Basupi ba ga Jehofa le ne le tlhokometse lefelo leno la pontsho. Dingaka di ne tsa itumelela go tsaya dipampiri tsa tshedimosetso, dibuka, di-DVD le dikgatiso tsa kalafi tse di buang ka kgang eno e e botlhokwa go tswa mo lefelong leno. Go ile ga kopiwa thata DVD e e nang le bidio ya setlhogo se se reng, Transfusion-Alternative Strategies —Simple, Safe, Effective. *

Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo la Basupi ba ga Jehofa le ne le tlhokometse lefelo leno la pontsho. Dingaka di ne tsa itumelela go tsaya dipampiri tsa tshedimosetso, dibuka, di-DVD le dikgatiso tsa kalafi

 Dingaka di le dintsi tse di neng tsa ya kwa lefelong la pontsho di ne tsa dumela gore go botlhokwa go somarela madi ka nako ya karo. Ngaka ya karo ya pelo e e tswang kwa Italy, e e neng ya bua kwa kokoanong eo, e ne ya bolela gore e tlwaelane thata le Basupi ba ga Jehofa le gore e ne ya atlega fa e dira dikaro di le 70 tsa pelo e sa dirise madi mo balwetseng ba Basupi. Gape o ne a bolela gore go tlwaelegile mo tliliniking ya bone go ara batho kwantle ga go ba tshela madi. Porofesa ya Deutsches Herzzentrum Berlin (Setheo sa Malwetse a Pelo sa Jeremane Kwa Berlin) e ne ya itseela khopi ya DVD eno ya ba ya tseela modirikaene. E ne ya bolelela bareetsi gore e sa tswa go dira karo e sa dirise madi mo leseeng le le boima jwa dikilogerama di le 2,5; le gore tliliniki ya bone e dirile dikaro mo maseeng a a boima jwa mmele jo bo kwa tlase ga joo.

Dingaka di kgona go ara ka katlego di sa dirise madi ka go kopanya ka tsela e e tshwanetseng mekgwa ya kalafi le ya go ara e e somarelang madi, didirisiwa le melemo

Kgwedi morago ga kokoano ya Moscow, dingaka go tswa kwa dinageng tse di farologaneng di ne tsa nna gone kwa kokoanong e e bidiwang Fourth Belomorsk Symposium of Anesthesiologists and Intensive Care Physicians ya Kgaolo e e Kwa Bokonebophirima Jwa Russia, kwa toropong ya Arkhangel’sk. Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo le ne la tlhoma lefelo la tshedimosetso le gone koo gape, mme le mo lekgetlong leno le ne la ngoka batho ba le bantsi. Fa ngaka nngwe e e tswang kwa St. Petersburg e ne e bona dikgatiso tse di neng di bontshiwa koo, e ne ya re: “Seno ke sone se re ntseng re se batla!” E ne ya bolela gore e utlwisiwa botlhoko ke gore bangwe ba badirikayone ba tshela balwetse ba ba sheleng madi e le tlwaelo fela e se gore go a tlhokega. E ne ya oketsa jaana e itumetse: “Tshedimosetso ya lona e ka nna mosola thata kwa khonferenseng ya go alafa balwetse ba ba sheleng e e rulaganyediwang go tshwarwa kwa St. Petersburg.”

Mo lefatsheng ka bophara, dingaka tse dintsi di simolola go bona melemo ya go dirisa kalafi e e se nang madi le dikaro tse go sa dirisiweng madi mo go tsone. Go tla bonala mo tsamaong ya nako gore a letsatsi lengwe eno e tla nna mekgwa ya kalafi e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe.

^ ser. 3 E dirilwe ke Basupi ba ga Jehofa.