Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mabaka a go Ikanya Baebele

4. Go Nna Boammaaruri ga Yone mo go Tsa Saense

4. Go Nna Boammaaruri ga Yone mo go Tsa Saense

Go ile ga nna le kgatelopele e kgolo mo go tsa saense mo motlheng wa segompieno. Ka ntlha ya seo, dikgopolo tsa bogologolo di emiseditswe ka tse disha. Dilo tse pele di neng di tsewa di le boammaaruri di ka tswa gone jaanong di tsewa e le ditlhamane. Gantsi dibuka tsa saense di tlhoka go kwalwa sesha.

BAEBELE ga se buka ya saense. Le fa go ntse jalo, fa go tla mo dikgannyeng tsa saense, Baebele ga e itsege fela ka ntlha ya dilo tse e di bolelang mme gape le ka ntlha ya dilo tse e sa di boleleng.

Ga e na dikgopolo tse e seng tsa saense.

Dikgopolo tse dintsi tse diphoso di ile tsa amogelwa mo motlheng wa bogologolo. Dikgopolo tse di malebana le lefatshe e ne e le tsa gore lefatshe le sephaphathi le gore le tshwerwe ke dilo dingwe tse di bonwang. Bogologolo thata pele ga saense e ka ithuta kaga go anamisiwa le go thibelwa ga bolwetse, baitsesaense ba ne ba dirisa mekgwa mengwe e e neng e sa thuse mme ka dinako tse dingwe e le mekgwa e e kotsi. Baebele le ka motlha ga ise e ko e buelele dikgopolo kgotsa mekgwa epe e e utlwisang botlhoko mo dikgaolong tsa yone tse di fetang 1 100.

Ditlhaloso tse di utlwalang go ya ka saense.

Dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng, Baebele e ile ya bolela gore lefatshe le lepeletse “mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7) Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Isaia o ne a bua ka “kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22) Kgolokwe e e lepeletseng mo go se nang sepe go se na sepe se se e tshegeditseng—ke tlhaloso e e tsamaisanang tota le se se tlhalosiwang ke saense gompieno.

Molao wa ga Moshe o o kwadilweng mo e ka nnang ka 1500 B.C.E., (o o mo dibukeng tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele) o ne o na le melao e e utlwalang malebana le go tlhaolela balwetse kwa thoko, tsela e ditopo di tshwanetseng go tshwarwa ka yone, le go latlha leswe.—Lefitiko 13:1-5; Dipalo 19:1-13; Duteronome 23:13, 14.

Lebaka lengwe le le dirileng gore baitsesaense ba swetse gore lobopo lo nnile teng ka tshoganyetso, e ka tswa e le ka go bo ba ne ba dirisa dithelesekoupo tse di maatla go leba kwa lefaufaung. Ga se baitsesaense botlhe ba ba neng ba dumelana le tlhaloso eo. Porofesa nngwe e ne ya bolela jaana: “Go bonala lobopo lo lo nnileng teng lo tlhoka go nna le mosimolodi wa lone, ka gonne ga go na ope yo o ka akanyang gore lobopo lo ka nna teng go se na mosimolodi wa lone.” Le fa go ntse jalo, dingwaga di le dintsi pele ga thelesekoupo e tlhamiwa, temana ya ntlha ya Baebele e tlhalosa jaana: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1.

Dingwaga di le dintsi pele ga go lemogiwa dilo, Baebele e ile ya bolela sentle gore lefatshe le kgolokwe e bile le lepeletse “mo go se nang sepe”

Le fa gone Baebele e le buka ya bogologolo mme e bua ka dilo tse dintsi, ga go na gope mo e dirang diphoso malebana le saense. A bobotlana ga re a tshwanela go sekaseka buka e e ntseng jalo? *

^ ser. 9 Go bona dikai tse di oketsegileng tsa kafa Baebele e se nang diphoso ka teng malebana le saense, bona ditsebe 18-21 tsa boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.