Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 03

A o Ka Dumela se Baebele e se Buang?

A o Ka Dumela se Baebele e se Buang?

Baebele e solofetsa dilo di le dintsi e bile e na le dikgakololo di le dintsi. O ka tswa o eletsa go itse se e se rutang, mme gape o ka tswa o na le dipelaelo ka yone. A o ka tshepa ditsholofetso le dikgakololo tse di tswang mo bukeng eno ya bogologolo? A tota se Baebele e se buang se ka re tswela mosola gone jaanong e bile a re ka dumela se e se buang ka bokamoso? Batho ba le dimilione bone ba a dumela. A re bone gore a le wena o ka dumela se e se buang.

1. A tota dilo tse di mo Baebeleng di boammaaruri?

Baebele e a re e na le “mafoko a boamaaruri a a nepileng.” (Moreri 12:10) E bua ka ditiragalo tsa mmatota tse di neng di dirwa ke batho ba mmatota. (Bala Luke 1:3; 3:1, 2.) Baitsehisitori le baithutamarope ba bone bosupi jo bo tlhomamisang gore matlha mangwe, batho, mafelo le ditiragalo tse di tlhalosiwang mo Baebeleng di boammaaruri.

2. Goreng re ka re Baebele e ka re thusa le fa gone e le buka ya bogologolo?

Gantsi Baebele e umaka dilo tse batho ba neng ba sa di itse ka nako ya fa e ne e kwalwa. Ka sekai, e bua ka dilo tsa saense. Batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele dilo tseo fa e ne e kwala. Le fa go ntse jalo, gone jaanong saense e tlhomamisa gore se Baebele e se buang se boammaaruri. Dilo tse e di buang “ka metlha di ka ikanngwa, gone jaanong le ka bosakhutleng.”Pesalema 111:8.

3. Goreng re ka dumela se Baebele e se buang ka bokamoso?

Baebele e na le boporofeti * jo bo buang ka “dilo tse di iseng di dirwe.” (Isaia 46:10) Dilo di le dintsi tse e neng ya di bolelela pele di ne tsa diragala. Le dilo tse di diregang gone jaanong mo lefatsheng, e sa le e di boleletse pele. Mo thutong eno, re tlile go tlotla ka boporofeti bongwe jo bo mo Baebeleng. Tsela e bo leng boammaaruri ka yone, e a kgatlha.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore saense e dumalana jang le se Baebele e se rutang, mme o dire dipatlisiso ka boporofeti bongwe jo bo kgatlhang jo bo mo Baebeleng.

4. Saense e dumalana le Baebele

Bogologolo batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore lefatshe le tshegeditswe ke sengwe. Tshameka BIDIO eno.

Bona se se kwadilweng mo bukeng ya Jobe dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. Bala Jobe 26:7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng kgang ya gore lefatshe le lepeletse “mo go se nang sepe” e gakgamatsa?

Dingwaga di ka nna 200 tse di fetileng, ke gone batho ba neng ba simolola go tlhaloganya sentle gore go tla jang gore pula e ne. Mme gone, bona se Baebele e ileng ya se bua dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. Bala Jobe 36:27, 28, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng se se go kgatlhang ka tlhaloso eno e e motlhofo ya gore go tla jang gore pula e ne?

  • A ditemana tse o fetsang go di bala di dira gore o dumele Baebele?

5. Baebele e ne ya bolelela pele ditiragalo tsa botlhokwa

Bala Isaia 44:27–​45:2, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke dintlha dife tse Baebele e ileng ya di bolelela pele dingwaga di le 200 pele Babelona e senngwa?

Tshameka BIDIO eno.

Hisitori e bontsha gore Kgosi Kurose wa Peresia le masole a gagwe, ba ne ba fenya motse wa Babelona dingwaga di ka nna 540 pele Jesu a tsholwa. Ba ne ba faposa metsi a noka e e neng e sireleditse motse wa Babelona. Ba ne ba fitlhela dikgoro tsa motse oo di sa tswalwa, mme ba ne ba o fenya ntle le go lwa. Gompieno, morago ga dingwaga di feta 2 500, Babelona e sa ntse e le marope fela. Jaanong utlwa se Baebele e neng ya se bolelela pele ka kgang eo.

Bala Isaia 13:19, 20, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang?

Marope a Babelona kwa Iraq

6. Baebele e sa le e boleletse pele dilo tse di diregang gone jaanong

Baebele e a re re tshela mo “malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Bona gore Baebele e ile ya bolelela pele eng ka malatsi a bofelo.

Bala Mathaio 24:6, 7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Baebele e ne ya re go tla direga eng mo malatsing a bofelo?

Bala 2 Timotheo 3:1-5, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Baebele e ile ya tlhalosa gore batho ba tla nna jang mo malatsing a bofelo?

  • Ke mekgwa efe e e tlhalosiwang fano e o e bonang?

BATHO BANGWE BA RE: “Baebele ke buka ya ditlhamane.”

  • Ke eng se se go tlhatswang pelo gore re ka dumela Baebele?

O ITHUTILE ENG?

Hisitori, saense le boporofeti jo bo diragadiwang di bontsha gore o ka dumela Baebele.

Poeletso

  • A tota dilo tse di mo Baebeleng di boammaaruri?

  • Ke dilo dife tse saense e dumalanang le Baebele mo go tsone?

  • A o akanya gore Baebele e kgona go bolelela pele se se tla diragalang mo nakong e e tlang? Goreng o akanya jalo?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

A go na le diphoso dingwe tse Baebele e neng ya di dira fa e bua ka dilo dingwe tsa saense?

“A Saense e Dumalana le Baebele?” (Setlhogo se se mo website)

Ke dintlha dife tse di boammaaruri tse Baebele e di buang ka “malatsi a bofelo”?

“Dipolelelopele Tse 6 Tsa Baebele Tse o Di Bonang di Diragadiwa” (Tora ya Tebelo, May 1, 2011)

Ithute gore boporofeti jo bo buang ka Mmusomogolo wa Gerika bo ne jwa diragadiwa jang.

Go Kgothadiwa ke “Lefoko la Boporofeti” (5:22)

Bona gore boporofeti jwa Baebele bo ile jwa fetola jang tsela e monna mongwe a neng a leba Baebele ka yone.

“Ke ne Ke sa Dumele Gore Modimo o Teng” (Tora ya Tebelo No. 5 2017)

^ ser. 9 Boporofeti ke melaetsa e e tswang kwa Modimong e e buang ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.