Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ga ba a ka ba tlogela go direla Jehofa fela ka gonne ba senyediwa

GEORGIA | 1998-2006

Go Tshosediwa Ga go A Dira Gore ba Emise go Direla Jehofa

Go Tshosediwa Ga go A Dira Gore ba Emise go Direla Jehofa

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tswelela ba kopana mmogo le fa ba ne ba tshosediwa. Bagolwane ba ne ba sireletsa baboledi. Mokaulengwe André Carbonneau wa kwa Canada yo e neng e le mmueledi wa bakaulengwe ba rona ka nako eo a re: “Gantsi go ne go na le mokaulengwe yo o neng a ema gaufi le lefelo le re tshwarelang dipokano mo go lone a tshwere founo. Fa a bona segopa sa batho se tla, o ne a itsise bagolwane ka bonako.”

Batho ba ile ba fisa ntlo ya lelapa loo Shamoyan (ka fa molemeng) le lefelo le dikgatiso di bewang kwa go lone (ka fa mojeng)

Nako le nako fa segopa seno se sena go tlhasela Basupi, maloko a mabedi a ofisi ya lekala a ne a etela bakaulengwe go ba kgothatsa. André a re: “Go ne go makatsa ka gonne gantsi fa bakaulengwe bao ba tla, ba ne ba fitlhela bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumetse e bile ba tshega.”

Bakaulengwe ba ne ba lebana le baganetsi ba bone mo teng le kwa ntle ga kgotlatshekelo

Batho ba ba neng ba ithuta Baebele le Basupi le bone ba ne ba ikemiseditse go tswelela ba direla Jehofa. André o gopola nako ya fa a ne a bua le mosadi mongwe yo o neng a tloga a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Mosadi yoo o ne a mo raya a re: “Fa ke lebile ditlhaselo tseo mo thelebisheneng, ke ne ka bona pharologanyo fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka mme seo se ile sa dira gore ke batle go nna Mokeresete wa boammaaruri.”

Go Femela Badumedimmogo ka Bopelokgale

Ka nako eo e e thata, baboledi ba ne ba tlhoma sekao se sentle sa go nna le tumelo le bopelokgale ka go tswelela ba tshwaregile ka tiro ya go rera. Bakaulengwe ba e neng e le babueledi ba Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba bontsha tumelo e e tshwanang.

Gantsi metswedi ya dikgang e ne e anamisa tshedimosetso e e seng boammaaruri ka Basupi gotwe ba thuba malapa, ba gana kalafi le gore ba kgatlhanong le Puso. Babueledi ba ba neng ba ba emela ba ne ba ka felelwa ke ditiro tsa bone.

Bakaulengwe ba ba pelokgale ba Lefapha la Semolao la kwa United States ba buelela badumedi ka bone kwa kgotlatshekelong

John Burns wa kwa Canada yo e neng e le mmueledi wa bakaulengwe ba kwa Georgia ka nako eo a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Georgia ba e neng e le babueledi ba ne ba batla go thusa. Le fa go dira jalo go ne go ka dira gore ba latlhegelwe ke ditiro tsa bone, ba ne ba sa tshabe go ya kwa kgotlatshekelo le go ikitsise gore ke Basupi ba ga Jehofa.” Basupi bao ba ba pelokgale ba ile ba thusa go ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’—Bafil. 1:7.

Basupi ba Kwa Georgia ba Ikuela

Le fa maemo a ne a ntse jalo, Basupi ba ne ba sa ntse ba tlhaselwa. Ka jalo, go simologa ka January 8, 2001, Basupi ba ne ba kopa batho gore ba saene lekwalo la semolao le mo go lone ba neng ba kopa go sirelediwa kgatlhanong le ditlhaselo le gore batho ba ba ba tlhaselang ba sekisiwe.

Mokaulengwe Burns a re: “Boikaelelo jwa lekwalo leo e ne e le go bontsha gore bontsi jwa batho ba kwa Georgia ba ne ba sa dumalane le ditlhaselo tseo le gore setlhotswana sa batho ba bodumedi ke sone se neng se di tlhotlheletsa.”

Mo dibekeng di le pedi fela, batho ba le 133 375 ba kwa Georgia, ba bontsi jwa bone e neng e le ba kereke ya Orthodox, ba ne ba saena lekwalo leo. Ditlhaselo tseo ga di a ka tsa khutla le fa gone lekwalo leo le ile la newa Moporesidente Shevardnadze. Ditlhotswana tseo di ile tsa tswelela di tlhasela Basupi ba ga Jehofa ka boomo.

Batho ba le bantsi kwa Georgia ba ile ba saena lekwalo la semolao le le kgatlhanong le go tlhaselwa ga Basupi

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tswelela a segofatsa batho ba gagwe. Le fa ditlhotswana tseno di ne di tlhasela batho ba Modimo, go ne go sa ntse go na le batho ba Jehofa a neng a ba thusa go tswa mo bodumeding jwa maaka.

Go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka

Babilina Kharatishvili o feditse dingwaga di le dintsi e le leloko le le ineetseng la Kereke ya Orthodox ya kwa Georgia. Fa a le mo dingwageng tsa bo30, o ne a etela metse le metsana a ruta batho ka baitshepi.

Mme Babilina o ne a batla go itse Modimo. Ke ka moo a ileng a ya go reetsa dithero kwa sekolong sa boruti sa Kereke ya Orthodox ya kwa Georgia. Nako nngwe moruti o ne a ba bontsha buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng a bo a ba raya a re ba ye go e kopa kwa Basuping ba ga Jehofa. O ne a ba bolelela gore buka eno e ka ba ruta dilo di le dintsi ka Baebele.

Babilina o ne a gamaregile. Ga a bolo go iphitlhela Basupi, mme jaanong moruti ke yo o buelela dibuka tsa bone! O ne a ipotsa gore, ‘ke dirang fano fa e le gore ke tlhoka go ithuta ka Modimo mo Basuping ba ga Jehofa?’ Ga a ka a senya nako, o ne a ikgolaganya le Basupi ba kwa toropong ya Poti mme a simolola go ithuta Baebele.

Fa Babilina a ntse a ithuta Baebele, o ne a fetola botshelo jwa gagwe. A re: “Fa ke bala mo Baebeleng gore Modimo ga a batle re dirisa ditshwantsho fa re mo obamela, ke ile ka tswa mo go tsone. Ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke dira se se siameng.” Fa a ne a le mo dingwageng tsa bo70, o ne a dira tshwetso ya go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Babilina o ile a rerela setlogolwana sa gagwe e bong Izabela

Ka maswabi, Babilina o ne a lwala mme a tlhokafala ka 2001 a ise a kolobediwe. Mme setlogolwana sa gagwe Izabela o ne a kolobediwa e bile gone jaanong o direla Jehofa.

O ne A Batla go Nna Moitlami

Eliso Dzidzishvili o ne a na le dingwaga di le 28 fa a ne a batla go nna moitlami kgotsa nun ka Seesemane. Ka 2001, o ne a fudugela kwa Tbilisi ka gonne go ne go se na lefelo la baitlami kwa toropong ya gaabo ya Tkibuli. Fa a ntse a letile gore ba mmitse kwa lefelong la baitlami, o ne a simolola go nna morutabana wa nakwana. Mongwe wa baithuti ba gagwe e ne e le morwadie kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Nunu.

Eliso a re: “Re ne re tlhola re tlotla ka Baebele. Ke ne ke buelela dithuto tsa kereke ya Orthodox mme Nunu o ne a le pelotelele le nna a mpontsha ditemana go tswa mo Baebeleng. Letsatsi lengwe o ne a re re bale boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Fa re ntse re bala dirapa le ditemana, ke ile ka lemoga gore go obamela ditshwantsho go kgatlhanong le molao wa Modimo.”

Moragonyana, Eliso o ile a ya kwa kerekeng mme a fitlha a botsa moruti dipotso di le mmalwa. Se moruti a neng a mmolelela sone se ne sa mmontsha gore dilo tse kereke e di rutang ga di yo Baebeleng. (Mar. 7:7, 8) E re ka a ne a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a kolobediwa.

Eliso Dzidzishvili (ka fa molemeng), yo o neng a batla go nna moitlami, le Nunu Kopaliani (ka fa mojeng)

Go Aga Diholo Tsa Bogosi Le fa Go na Le Dikgoreletsi

Ka 2001, diphuthego di le dintsi di ne di tlhoka mafelo a di ka kopanelang mo go one. Go fopholediwa gore go ne go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di ka nna 70 ka nako eo. Ke gone ka moo go ileng ga tlhomiwa thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi le fa bakaulengwe ba ne ba bogisiwa mo nageng eo.—Esera 3:3.

Go ise go ye kae, bakaulengwe ba ba agang diholo ba ile ba simolola go baakanya kago e pele e neng e dirisiwa ke diphuthego di le mmalwa tsa kwa Tbilisi. Go ile ga simololwa diporojeke tse dingwe tse pedi tsa go aga, e nngwe kwa Tbilisi mme e nngwe kwa Chiatura kwa bophirima jwa Georgia.

Holo ya bogologolo ya kwa Tbilisi (ka fa molemeng) le Holo e ntšha (ka fa mojeng)

Mokaulengwe Tamazi Khutsishvili yo o neng a bereka mo porojekeng ya kwa Chiatura a re: “Letsatsi le letsatsi re ne re bereka re le 15 mo setsheng seo. Ka bonako fela, ke fa batho ba setse ba itse gore re aga holo. Re ne re tle re utlwe magatwe a gore baganetsi ba rona ba batla go senya Holo ya rona ya Bogosi.”

A bakaulengwe ba ile ba kgona go aga holo eo ya Bogosi? Tamazi a re: “Re ile ra bereka go fitlha re feleletsa go aga holo eo mo dikgweding tse tharo. Le fa ba ne ba re tshosetsa jalo, ga go ope yo o kileng a tla go re kgoreletsa.” *

Se ba Sa Bolong go se Letela

Maloko a kereke ya Orthodox le moeteledipele wa bone e bong Vasili Mkalavishvili ba le mo kgolegelong

Ka October 2003, go ile ga simololwa porojeke ya go aga kwa toropong ya Samtredia. Maloko a dikereke dingwe a ne a simolola go tshosetsa bakaulengwe ba rona gape. Ba ne ba tla go diga kago ya rona fa lobota lo ne lo sa ntse lo le metsi.

Le fa go ntse jalo, ka November 2003, go ne ga nna le puso e ntšha mo Georgia mme e ne ya tlisetsa bakaulengwe le bokgaitsadi se ba sa bolong go se letela. Puso eo e ne ya dira gore madumedi a tsewe ka go lekalekana. Ka ntlha ya seo, maloko a le mmalwa a setlhopha sa kereke ya Orthodox a a ntseng a tlhasela Basupi ba ga Jehofa a ne a tshwarwa.

Modimo o Segofatsa Batho ba Gagwe

Ka bonako fela fa dipogiso di sena go khutla, batho ba ga Jehofa ba kwa Georgia ba ne ba segofadiwa tota. Ka 2004, kwa kopanong ya kgaolo, go ne ga gololwa Baebele ya Se-Georgia ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Ka 2006, go ile ga direga sengwe se se sa lebalesegeng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” Bareetsi ba ne ba itumetse thata fa ba utlwa gore Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang o tlile go neela puo. Mme ba ne ba gakgametse tota fa Mokaulengwe Jackson a golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Georgia!

Fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne e gololwa ka Se-Georgia ka 2006

Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba geletse dikeledi. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ke tlhokile mafoko a go tlhalosa kafa ke neng ke ikutlwa ka teng fa re amogela Baebele e e feletseng. . . . E ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng.” Batho ba feta 17 000 ba ile ba itumelela thulaganyo ya kopano e e ileng ya nna nngwe ya dikopano tse batho ba ga Jehofa kwa Georgia ba sa di lebaleng.

^ ser. 29 Go tloga ka 2001 go fitlha ka 2003, go ile ga agiwa Diholo Tsa Bogosi di le supa mo nageng yotlhe.