Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

“Go Solofela Bogosi Ga se Go Ijesa Dijo Tsa Ditoro”

Efraín De La Cruz

“Go Solofela Bogosi Ga se Go Ijesa Dijo Tsa Ditoro”
  • O TSHOTSWE KA 1918

  • O KOLOBEDITSWE KA 1949

  • DINTLHA KA GA GAGWE Le fa a ne a tsenngwa mo kgolegelong le go itewa setlhogo mo dikgolegelong di le supa, o ne a tswelela a ntse a ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.

KA 1948, nna, mosadi wa me e bong Paula le morwadiake, re ne ra simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa kwa Blanco Arriba. Re ne re tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 40 go ya le go boa mme re ne re nna gone ka metlha kwa dipokanong. Ka January 3, 1949, nna le Paula re ne ra kolobediwa.

Morago ga dikgwedi di le thataro, nna le ba bangwe mo phuthegong ya rona re ne ra tshwarwa mme ra atlholelwa dikgwedi di le tharo mo kgolegelong. Re ne re robala fa fatshe mme re ja gangwe fela ka letsatsi, dipanana tse di tala ka mmala le tee. Fa re sena go gololwa mo kgolegelong, badiredi ba puso ba ne ba re tshosetsa mme ba ipolelela gore re tla tlogela go rera. Fa re boela gae, re ne ra tswelela ka go ya dipokanong le go rera mo sephiring. E re ka badiredi ba puso ba ne ba nna ba re tlhomile leitlho, re ne re kopanela mo magaeng a rona, mo masimong a kofi kgotsa mo dipolasing. Go na le gore re kopane mo lefelong le le lengwe fela, morago ga pokano nngwe le nngwe re ne re itsisiwe gore pokano e e latelang e tla tshwarelwa kae. Fa re ya go rera, mongwe le mongwe o ne a tsamaya a le esi; re apere diaparo tsa tiro e bile re sa dirise dikgatiso kgotsa Baebele. Le fa go ntse jalo, go tloga ka 1949 go ya go 1959, ke ne ka tswalelwa mo dikgolegelong di le supa ke nna ke atlholelwa dikgwedi di le tharo go ya go tse thataro.

Ke ne ke tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka gonne bangwe ba ba neng ba mpogisa e ne e le ba masika. Le fa ke ne ke robala mo dithabeng kgotsa mo dipolasing gore ke se ka ka tshwarwa, ka dinako tse dingwe ke ne ke tshwarwa. Nako nngwe morago ga go tshwarwa, ke ne ka romelwa kwa kgolegelong ya La Victoria kwa Ciudad Trujillo e go neng go tsenngwa magolegwa a le 50 go ya go 60 mo seleng e le nngwe. Re ne re ja bupi jwa mmidi mo mosong mme ka sethoboloko re ne re ja raesenyana ka dinawa. Ga go pelaelo gore Basupi botlhe ba ne ba rerela magolegwa a mangwe mme ka metlha re ne re tshwara dipokano re dirisa ditemana tsa Baebele tse re di gopolang le go tlotla ka maitemogelo a re nnileng le one mo bodireding.

La bofelo fa ke le kwa kgolegelong, lesole lengwe le ne la ntitaya ka tlhobolo mo tlhogong le mo dikgopong. Le fa ke sa ntse ke na le ditlhabi tsa go itewa le go tshwarwa makgwakgwa, diteko tseo di nonotshitse tumelo ya me, boitshoko jwa me le maikemisetso a me a go direla Jehofa.

Gone jaanong ke na le dingwaga di le 96 mme ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Le fa ke sa tlhole ke kgona go tsamaela kgakala, ke kgona go nna kwa ntle ga ntlo ya me ke rerela batho botlhe ba ba fetang. Go solofela Bogosi ga se go ijesa dijo tsa ditoro. Ke puso ya mmatota e bile ke na le dingwaga di feta 60 ke ntse ke rera ka yone. Ke sa ntse ke tsaya lefatshe le lesha jaaka selo sa mmatota fela jaaka mo letsatsing la ntlha fa ke ne ke utlwa molaetsa wa Bogosi. *

^ ser. 3 Efraín De La Cruz o tlhokafetse ka nako ya fa pego eno e sa ntse e kwalwa.