Fetela kwa tshedimosetsong

Botshelo bo Nnile Gone Jang?

Botshelo bo Nnile Gone Jang?

O ne o ka reng?

A BOTSHELO BO . . .

  1. NNILE GONE KA EVOLUTION

  2. BOPILWE

Batho bangwe ba akanya gore batho ba ba ratang saense ba tla re “bo nnile gone ka evolution” mme ba ba ratang bodumedi ba tla re bo “bopilwe.”

Mme gone ga se ka metlha ba ka arabang jalo.

Ntlha ke gore, batho ba le bantsi ba ba rutegileng tota le baitsesaense ga ba dumele thuto ya evolution.

Ka sekai, Gerard, porofesa yo o ithutang ka ditshenekegi o ne a rutiwa evolution kwa kholejeng. A re “Fa ke ne ke kwala ditlhatlhobo, ke ne ke naya boporofesa ba me dikarabo tse ba neng ba di batla, le fa ke ne ke sa dumalane le tsone.”

Ke ka ntlha yang fa batho bangwe, tota le baitsesaense ba sa dumele gore botshelo bo nnile gone ka evolution? Go araba potso eno, a re tlotle ka dipotso tse pedi tse di tlhakanyang babatlisisi ba le bantsi tlhogo: (1) Botshelo bo simologile jang? le (2) Go tlile jang gore go nne le ditshedi tse di farologaneng?

Botshelo bo Simologile Jang?

SE BANGWE BA SE BUANG. Botshelo bo itlhagetse fela mo dilong tse di sa tsheleng.

LEBAKA LA GO BO KARABO ENO E SA KGOTSOFATSE BATHO BANGWE. Babatlisisi ba le bantsi ba itse se se diregang mo mebeleng ya ditshedi le kafa di bopegang ka gone mme ga ba kgone go tlhalosa gore tota botshelo ke eng. Go na le pharologano e kgolo mo dilong tse di tshelang le tse di sa tsheleng, tota le mo diseleng tse di nnye.

Se baitsesaense ba kgonang go se dira ke go fopholetsa fela gore lefatshe le ne le ntseng jang dingwaga di le dibilione tse di fetileng. Ba na le dikakanyo tse di farologaneng tsa gore botshelo bo simologile jang. Ka sekai, ka lekgwamolelo kana ka fa tlase ga lewatle. Ba bangwe ba akanya gore dikarolwana tsa botshelo di simologile pele kwa lefaufaung di bo di wela mo lefatsheng. Seo ga se karabo ya gore botshelo bo simologile jang, se dira fela gore re akanye gore botshelo bo ka tswa bo simologile kwa lefaufaung.

Baitsesaense ba dumela gore dikarolwana tsa dijini tse di leng teng gompieno, di nnile gone di tswa mo dilong tse di sa tsheleng. Ba re dikarolwana tseno di itlhagela fela di bo di ata. Mme ga ba na bosupi jwa gore dikarolwana tseno di kile tsa nna gone, e bile ga ba kgone go di dira kwa laboratoring.

Tsela e ditshedi di kgonang go boloka tshedimosetso ka yone le ka fa di e dirisang ka gone e a makatsa. Disele di amogela tshedimosetso e e tswang mo dijining, di bo di e baya ka tsela e e tla dirang gore e tlhaloganyesege. Baitsesaense bangwe ba tshwantsha dijini le software ya khomputara, mme disele le computer hardware. Evolution yone, ga e kgone go tlhalosa gore tshedimosetso eo ba e tsaya kae.

Dikarolwana tsa poroteine di botlhokwa ka gonne di dira gore sele e kgone go bereka. Karolo e le nngwe ya poroteine e na le di-amino acids di le dintsi tse di rulagantsweng sentle. Mo godimo ga moo, poroteine eno e tshwanetse ya bofagana e bo e nna le dintlha di le tharo gore e kgone go dira sentle. Baitsesaense bangwe ba re, tota ga go kgonege gore karolo e le nngwe ya poroteine e itlhagele fela. Porofesa wa fisikisi e bong Paul Davies a re: “E re ka sele e le nngwe e tlhoka di poroteine di le diketekete, ga go kgonege gore re ka re disele tseno di itlhagetse fela.”

KWA BOFELONG. Morago ga gore baitsesaense ba dire dipatlisiso karabo e ile ya nna gore botshelo ga bo a itlhagela fela.

Go Tlile Jang Gore go Nne le Ditshedi Tse di Farologaneng?

SE BANGWE BA SE BUANG. Setshedi sa ntlha se se itlhagetseng fela, se ile sa fetoga go nna ditshedi di le dintsi, go akaretsa le batho.

LEBAKA LA GO BO KARABO ENO E SA KGOTSOFATSE BATHO BANGWE. Disele tse dingwe di raraane thata go feta tse dingwe. Patlisiso nngwe ya re fa disele tse di motlhofo di fetoga go nna disele tse di raraaneng, gantsi batho ba bitsa seo “kgakgamatso ya evolution morago ga popo.”

Baitsesaense bangwe ba lemogile gore mo karolong e le nngwe ya poroteine go na le disele di le dintsi tse di dirang mmogo go dira dilo tse di farologaneng. Ditiro tseno di akaretsa go romelela disele tse dingwe melaetsa, go tsaya dikotla mo dijong tse re di jang le go ntšhafatsa disele tse di utlwileng botlhoko. A go itlhagela ga disele ke gone go dirang gore di kgone go dira mmogo ka tsela e e raraaneng? Batho ba le bantsi ga ba dumalane le kgopolo eno.

Batho le diphologolo ba tswa mo leeng. Mo teng ga lee, disele di nna dintsi di bo di ikgaoganya go nna dikarolo tse di farologaneng tsa mmele. Evolution ga e kgone go tlhalosa gore disele di “itse” jang gore di tshwanetse go nna eng, le gore di tshwanetse go nna fa kae mo mmeleng.

Baitsesaense ba lemogile gore, gore phologolo e kgone go fetoga go nna phologolo e nngwe, go tshwanetse ga nna le diphetogo mo diseleng tsa yone. E re ka baitsesaense ba sa kgone go tlhalosa gore disele di itlhagela jang, a go a utlwala go dumela gore sele e e itlhagetseng fela e ka kgona go fetoga go nna diphologolo tse di farologaneng mo lefatsheng? Utlwa gore porofesa, Michael Behe, a reng fa a bua ka mebele ya diphologolo, a re: “Dipatlisiso di bontsha gore mebele ya diphologolo e raraane thata jaana mo go sa utlwaleng go re go ka twe di itlhagetse fela.”

Batho ba a ikitse, ba a itlhaloganya, ba na le bokgoni jwa go ntsha mabaka le jwa go akanya. Gape ba kgona go nna pelotshweu, go ikentsha setlhabelo le go itse se se siameng le se se sa siamang. Thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ga e kgone go tlhalosa gore go tla jang gore batho ba nne le dinonofo tseno tse di kgatlhang.

KWA BOFELONG. Le fa batho bangwe ba re thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ga e ka ke ya ganediwa, ba bangwe bone ga ba dumalane le yone.

Karabo e e Tlhatswang Pelo

Fa batho ba le bantsi ba se na go bona bosupi ba ile ba swetsa ka gore go na le Mmopi. Ka sekai akanya ka Antony Flew, yo e leng porofesa wa filosofi yo o kileng a bo a sa dumele mo Modimong. Fa a se na go lemoga ka fa botshelo bo raraaneng ka teng, le gore go na le melao ya tlholego, o ile a fetola tsela e a akanyang ka yone. O ile a bua se borafilosofi ba bogologolo ba kileng ba se bua. A re: “Re tshwanetse go dumalana le bosupi jo bo utlwalang sentle.” Bosupi jo Porofesa Flew, a neng a bo bona, bo dirile gore a dumele gore go na le Mmopi.

Gerard, yo re buileng ka ene pelenyana le ene o dumalana le seo. Le fa a ne a rutegile, e re ka a ne a ithuta ka ditshenekegi, o ne a re: “Ga ke aka ka bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore dilo tse di tshelang di itlhagetse fela. Ka fa ditshedi di bopegileng ka teng, le ka fa di rulaganeng ka teng, go mpontsha gore go na le Mmopi.”

Fela jaaka motho a ka kgona go ithuta ka motho yo mongwe go tswa mo dilong tse a di dirang, Gerard o ile a ithuta ka Modimo go tswa mo dilong tse a di bopileng. Gape o ile a ithuta ka Mmopi go tswa mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16) Fa a e bala o ne a ithuta se se diragetseng kwa tshimologong ya batho le ka tharabololo ya mathata a batho ba kopanang le one gompieno. O ne a lemoga gore Baebele le yone e kwadilwe ke mongwe yo o botlhale.

Gerard o ne a ikutlwela gore dikarabo tsa Baebele di a kgotsofatsa. Re go kgothaletsa gore o di ipatlele.