Fetela kwa tshedimosetsong

A Dipono Tse Batho ba Reng Ba a Di Bona fa ba Tloga ba Swa di Boammaaruri?

A Dipono Tse Batho ba Reng Ba a Di Bona fa ba Tloga ba Swa di Boammaaruri?

Karabo ya Baebele

Batho ba le bantsi ba ba batlileng ba swa ba re ba gopola ba ikutlwa e kete ba tlogela mebele ya bone kgotsa ba bona lesedi le le tsabakelang kgotsa lefelo le lentlentle. Buka ya Recollections of Death ya re, ‘Bangwe ba tsaya gore dipono tseo di bontsha maoko fela a tsela e go tshelwang ka yone kwa lefelong le lengwe.’ Le fa Baebele e sa bue ka dipono tse batho ba reng ba a di bona fa ba tloga ba swa, e tlhalosa boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo bontshang gore dipono tseo ga se tsa botshelo jwa morago ga loso.

Baswi ga ba itse sepe.

Baebele ya re, baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Fa re swa, ga re fetele kwa lefelong lengwe kgotsa go akanya ka tsela nngwe, go na le moo ga re tlhole re le teng. Thuto ya gore fa re swa moya o tswelela o tshela, ga e tswe mo Baebeleng. (Esekiele 18:4) Ka jalo, dilo dipe fela tse motho a reng o a di bona fa a tloga a swa ga se maoko a a tlhalosang botshelo jwa kwa legodimong, kwa diheleng kgotsa botshelo morago ga loso.

Lasaro o ne a reng ka se se diregang morago ga loso?

Baebele e tlhalosa se se neng sa diragalela Lasaro fa a sena go swa: Jesu o ne a mo tsosa morago ga malatsi a le manè. (Johane 11:38-44) Fa e le gore Lasaro o ne a itumelela botshelo bongwe morago ga loso, e ne e tla bo e le bosetlhogo gore Jesu a mo tsosetse mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebele e buang gore Lasaro o ne a tlhalosa ka botshelo morago ga loso. Tota Lasaro a ka bo a ile a bua gore botshelo bo ne bo ntse jang fa a sena go swa fa e le gore o ne a tshela. Sa botlhokwa le go feta ke gore Jesu o ne a tshwantsha loso lwa ga Lasaro le boroko, e leng se se supang gore fa Lasaro a swa o ne a sa itse sepe gotlhelele.—Johane 11:11-14.