Fetela kwa tshedimosetsong

A Diabolo a ka Laola Batho?

A Diabolo a ka Laola Batho?

Karabo ya Baebele

Diabolo le madimona ba tlhotlheletsa batho thata jaana mo Baebele e reng: “Yo o Boikepo o laola lefatshe lotlhe.” (1 Johane 5:19, New Century Version) Baebele e bontsha ditsela tse Diabolo a tlhotlheletsang batho ka tsone.

  • Go tsietsa. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba “lwantshe maano a a bosula a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11, NCV) Lengwe la maano a gagwe ke go tsietsa batho gore ba dumele gore batho ba ba mo direlang ke batlhanka ba Modimo.—2 Bakorintha 11:13-15.

  • Tirisano le meya. Diabolo o timetsa batho a dirisa batho ba ba buang le meya, ba ba bolelelang isagwe pele le ba ba dirisang boitseanape kgotsa go lepa dinaledi. (Duteronome 18:10-12) Go dirisa diokobatsi, go tseanya le mekgwa e e dirisiwang ya go tlhatlhanya e go tsewang gore e dira gore motho a se ka a akanya ka sepe fela le yone e dira gore motho a laolwe ke madimona.—Luke 11:24-26.

  • Bodumedi jwa maaka. Madumedi a a rutang batho dithuto tsa maaka a dira gore ba se ka ba ikobela Modimo. (1 Bakorintha 10:20) Baebele ya re dithuto tse di ntseng jalo tsa maaka ke “dithuto tsa madimona.”—1 Timotheo 4:1.

  • Go laola batho. Baebele e na le dipego tsa batho ba ba neng ba laolwa ke meya e e boikepo. Ka dinako tse dingwe batho ba ba neng ba laolwa ke madimona ba ne ba foufala kgotsa ba nna dimumu kgotsa le e leng go ikgobatsa.—Mathaio 12:22; Mareko 5:2-5.

Kafa re ka tilang tlhotlheletso ya ga Diabolo ka Gone

Ga o a tshwanela go boifa madimona ka gonne Baebele e bontsha kafa o ka atlegang ka gone go ganetsa Diabolo:

  • Lemoga ditsela tse Diabolo a di dirisang gore o se ka wa nna ‘yo o se nang kitso ka maano a gagwe.’—2 Bakorintha 2:11.

  • Ithute Baebele go tswa foo o dirise se o se ithutang. Fa o dirisa melaometheo ya Baebele e tla go sireletsa mo tlhotlheletsong ya ga Diabolo.—Baefeso 6:11-18.

  • Latlha sengwe le sengwe se se amanang le dilo tsa bodimona. (Ditiro 19:19) Dilo tseo di akaretsa mmino, dibuka, dimakasine, ditshwantsho le dibidio tse di rotloetsang tirisano le meya.