Fetela kwa tshedimosetsong

Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?

Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?

Karabo ya Baebele

Ke mang yo o tshwanetseng go ruta bana ka tlhakanelodikobo? Baebele e naya batsadi boikarabelo jono, mme batsadi ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke go dirisa dikakantsho tseno:

  • O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong. Baebele e bua e sa fitlhe sepe fa e bua ka tlhakanelodikobo le dirwe tsa tlhakanelodikobo, e bile Modimo o ne a laela setšhaba sa Iseraele gore “ba bannye” ba tshwanetse go rutiwa ka dikgang tse di ntseng jalo. (Duteronome 31:12; Lefitiko 15:2, 16-19) O ka dirisa mafoko a a nang le seriti a a sa direng gore tlhakanelodikobo kgotsa dirwe tsa tlhakanelodikobo di bonale di tlhabisa ditlhong.

  • O se ka wa kgaotsa go ba ruta. Go na le gore o nne le motlotlo o moleele o o kaga tlhakanelodikobo le ngwana wa gago yo o tlogang a tsena mo dingwageng tsa bolesome, nna o bue le ene gangwe le gape ka tsela e a ka kgonang go e tlhaloganya.—1 Bakorintha 13:11.

  • Ba rute melao ya boitsholo. Bana ba ka nna ba rutiwa dithuto dingwe ka tlhakanelodikobo kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba rute bana ba bone ka tsela e mebele ya bone e dirang ka gone mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo mme gape ya re ba ba rute le ka tsela e ba tshwanetseng go ikutlwa le go itshwara ka yone ka tlhakanelodikobo.—Diane 5:1-23.

  • Reetsa ngwana wa gago. O se ka wa tseega maikutlo kgotsa wa itlhaganelela go akanyetsa ngwana wa gago fa a go botsa dipotso ka tlhakanelodikobo. Go na le moo, nna “bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

Kafa o ka sireletsang ngwana wa gago ka teng mo bathong ba ba sotlang ka tsa tlhakanelodikobo

Ruta ngwana wa gago kafa a ka ganang ka gone fa mongwe a batla go mo sotla ka tsa tlhakanelodikobo

  • Ithute. Ithute kafa batho ba ba sotlang ka tsa tlhakanelodikobo ba dirang ka teng.—Diane 18:15; bona kgaolo 32 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1.

  • Itse gore go direga eng ka ngwana wa gago. O se ka wa tlogela ngwana wa gago le motho ope fela o sa tlhomamisege gore a o a ikanyega e bile o se ka wa mo ‘tlogelela fela.’—Diane 29:15.

  • Ruta ngwana gore a se ka a reetsa mongwe le mongwe. Bana ba tshwanetse go ithuta go ikobela batsadi ba bone. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, fa o ruta ngwana wa gago gore ka metlha o tshwanetse go ikobela motsadi ope fela, o dira gore go nne motlhofo gore a sotliwe. Batsadi ba Bakeresete ba ka nna ba raya bana ba bone ba re, “Fa mongwe a go raya a re o dire selo se Modimo a reng se phoso, o se ka wa se dira.”—Ditiro 5:29.

  • Mmontshe gore a ka itshireletsa jang. Ruta ngwana wa gago se a ka se dirang fa mongwe a batla go mo sotla ka tlhakanelodikobo fa o seyo. Go ikatisetsa maemo a a ka tlhagang go ka thusa ngwana wa gago gore a nne le bopelokgale jwa go re, “Ntlogele! Ke ya go bolela!” le gore a tshabe. O ka nna wa tshwanelwa ke go gakolola “bana ba gago gangwe le gape,” e re ka go le motlhofo gore ba lebale.—Duteronome 6:7, Contemporary English Version.