Fetela kwa tshedimosetsong

Ba Arabiwa ka Bonolo

Ba Arabiwa ka Bonolo

Molebedi mongwe wa potologo yo o bidiwang Artur kwa Armenia, o ne a etetse phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. O ile a lemoga gore mo phuthegong eo ba ne ba sa rere ba dirisa dikolotsana tsa dikgatiso. E le gore ba kgothaletse Basupi bao gore ba rere ba dirisa dikolotsana, Artur le mosadi wa gagwe Anna, le Mosupi mongwe yo o bidiwang Jirayr, ba ile ba tsamaya ba ya go rera ka kolotsana ya dikgatiso kwa torotswaneng nngwe. Ba ile ba tlhopha lefelo le go fetang batho ba le bantsi kwa go lone.

Batho ba ba neng ba feta foo ba ne ba kgatlhegela dikgatiso tseo le go di itseela. Go na le batho ba ba neng ba le kgatlhanong le tsela e ba neng ba rera ka yone. Baruti ba babedi ba ile ba atamela kolotsana eo, mme mongwe wa bone o ile a e raga. Moruti yoo o ile a itaya Artur mo sefatlhegong ka tlelapa gore diborele tsa gagwe di bo di wele fa fatshe. Artur, Anna, le Jirayr ba ile ba leka go bua le baruti bano, mme ba ne ba gana go reetsa. Baruti bao ba ile ba gataka kolotsana ba bo ba gasaganya dikgatiso. Morago ga gore baruti bao ba ba tshosetse le go ba rogaka, ba ile ba tsamaya.

Artur, Anna, le Jirayr ba ne ba isa kgang eno kwa mapodiseng. Ba ile ba tlhalosetsa mapodise gore go ile ga diragala eng, mme morago ga moo ba ile ba bua le bangwe ba bone ka Baebele. Basupi bano ba bararo, ba ne ba isiwa kwa lepodiseng lengwe le le neng le ikarabelela ka go tlhokomela seteishene seo. O ne a batla gore ba mmolelele gore go diragetse eng. Mme fa ba ntse ba tlotla ka kgang eo, o ile a utlwa gore Artur ga a ka a ipusolosetsa le fa gone e ne e le monna yo o maatla. Lepodise leo le ile la tlogela go botsa dipotso ka kgang eo mme a simolola go botsa ka ga se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Ba ile ba fetsa diura di le nnê ba ntse ba tlotla! Monna yono o ne a kgatlhilwe ke se a se utlwang, o ne a re: “Ke rata bodumedi jo! Le nna ke batla go nna mongwe wa lona!”

Artur le Anna

Mo letsatsing le le latelang fa Artur a ya go rera phatlalatsa, monna mongwe yo o boneng se se diragetseng mo letsatsing le le fetileng o ne a ya kwa go ene. Monna yono o ile a akgolela Artur go bo a ile a itshwara le go bo a sa ipusolosetsa. O ile a re se a se boneng se ile sa dira gore a se ka a tlhola a tlotla baruti.

Mo maitseboeng ao, lepodise le a neng a tlotla le lone le ile la mo kopa gore ba kopane gape kwa seteisheneng. Monna yoo o ne a batla go mmotsa dipotso tse di oketsegileng ka Baebele. Fa ba ntse ba tlotla mapodise a mangwe a mabedi a ile a tla go reetsa se ba neng ba bua ka sone.

Mo letsatsing le le latelang, Artur o ile a etela lepodise leno gape mme mo lekgetlong leno o ile a mmontsha dibidio tse di theilweng mo Baebeleng. Lepodise leo le ile la bitsa mapodise a mangwe gore ba tle go lebelela dibidio tseo le ene.

Ka ntlha ya se baruti ba se dirileng, mapodise a le mantsi a ile a kgona go itse boammaaruri. Seno se ile sa dira gore ba simolole go rata Basupi ba ga Jehofa.