Fetela kwa tshedimosetsong

Estonia e Lemoga “Phitlhelelo e Kgolo”

Estonia e Lemoga “Phitlhelelo e Kgolo”

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya Se-Estonia e ne ya tlhophiwa go nna nngwe ya dibuka tse di ka gapang Sekgele sa Ngwaga Sa ba Ba Dirileng Bontle mo Sengweng se se Amanang le Puo (Language Deed of the Year Award) kwa Estonia ka 2014. Mo dibukeng di le 18 tse di tlhophilweng, e ne ya tsaya maemo a boraro mo ditlhophong tsa makgaolakgang.

Thanolo eno e ntšha ya Baebele, e e neng ya gololwa ka August 8, 2014, e ne ya tlhophiwa ke moitsedipuo e bong Kristiina Ross wa Setheo sa Puo ya Se-Estonia gore e nne nngwe ya dibuka tse di ka gapang sekgele. O ne a tlhalosa gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha “e balega motlhofo e bile go e bala go a itumedisa,” mme a oketsa ka gore: “Matsapa a a tserweng go e dira a tokafaditse thata tiro ya go ranolela mo puong ya Se-Estonia.” Porofesa wa dikgatiso le setso sa Estonia e bong Rein Veidemann o ne a bitsa thanolo eno e ntšha a re ke “phitlhelelo e kgolo.”

Baebele ya ntlha e e feletseng ya Se-Estonia e ne ya gatisiwa ka 1739, mme fa e sa le ka nako eo, go ile ga nna ga gatisiwa dithanolo tse dingwe. Mme gone, ke eng fa gotwe Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke “phitlhelelo e kgolo”?

E nepile. Baebele e e itsegeng thata ya Se-Estonia e e neng ya gatisiwa ka 1988, e dira bontle thata ka go ranola leina la Modimo e le “Jehoova” (Jehofa) ka makgetlo a a fetang 6 800 mo Dikwalong Tsa Sehebera (Tesetamente e Kgologolo). * Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Estonia le yone e dira jalo e bile e dira se se fetang seno. Fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa leina la Modimo le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika (Tesetamente e Ntšha).

E tlhaloganyesega motlhofo. A Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nepile e bile e tlhaloganyesega motlhofo? Moranodi wa Baebele yo o tlotlegang thata e bong Toomas Paul o ne a kwala mo lokwalodikgannyeng lwa Eesti Kirik (Kereke ya Estonia) gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha “ruri e fitlheletse mokgele wa go ranolela mo puong ya Se-Estonia ka tsela e e utlwalang sentle.” O ne a oketsa jaana: “Ke lo tlhomamisetsa gore leno ke lekgetlo la ntlha mokgele ono o fitlhelelwa.”

Ba sologelwa molemo ke thanolo ya Se-Estonia

Tsela e batho ba Estonia ba ileng ba tsibogela Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka yone e kgatlha tota. Seteishene sa radio sa naga eo se ne sa nna le thulaganyo ya metsotso e le 40 e e neng e diretswe Baebele eno e ntšha. Baruti le batho ba ba tsenang kereke ba ile ba ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba kopa gore ba ba fe dikhopi tsa Baebele eno. Sekolo sa maemo a a kwa godimo kwa Tallinn se ne sa kopa dikhopi di le 20 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha gore di dirisiwe mo go nngwe ya ditlelase tsa bone. Batho ba Estonia ba rata dibuka mme Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go ba abela thanolo e e nepileng le e e tlhaloganyesegang motlhofo go gaisa epe e e kileng ya nna teng.

^ ser. 5 Morago ga gore porofesa wa Dithuto Tsa Tesetamente e Ntšha kwa Yunibesithing ya Tartu e bong Ain Riistan a tlhalose kafa go tlileng ka gone gore batho ba Estonia ba bitse leina la Modimo e le “Jehoova,” o ne a konela jaana: “Ke akanya gore lefoko Jehoova ruri le a tshwanela gompieno. Go sa kgathalesege gore le simologile kae, ga le bolo go nna . . . le bokao jo bo botlhokwa le jo bo tseneletseng ka dingwaga di le dintsi—Jehoova ke leina la Modimo yo o neng a romela Morwawe go tla go rekolola batho.”