Fetela kwa tshedimosetsong

Diphuthego Tsa Lona di Rulagantswe Jang?

Diphuthego Tsa Lona di Rulagantswe Jang?

 Setlhopha sa bagolwane se tlhokomela phuthego nngwe le nngwe. Diphuthego di ka nna 20 di bopa potologo mme dipotologo di ka nna 10 di kopanngwa go nna kgaolo. Nako le nako diphuthego di etelwa ke bagolwane ba ba etang, ba ba bidiwang balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo.

 Setlhopha se se Laolang se se dirilweng ka Basupi ba ba nang le lobaka lo loleele mo phuthegong, ba gone jaanong ba direlang kwa diofising tsa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, ba naya diphuthego dikgakololo le ditaelo tse di theilweng mo Baebeleng.—Ditiro 15:23-29; 1 Timotheo 3:1-7.