Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Dumela Gore Dilo Tsotlhe di Bopilwe ka Malatsi a le Marataro a Diura di le 24?

A lo Dumela Gore Dilo Tsotlhe di Bopilwe ka Malatsi a le Marataro a Diura di le 24?

 Nnyaa. Basupi ba ga Jehofa ba a dumela gore Modimo o bopile dilo tsotlhe. Mme gone ga re dumele kgopolo ya gore dilo tsotlhe di bopilwe ka malatsi a le marataro a diura di le 24. Ka ntlha yang? Ka gonne kgopolo eo ga e dumalane le Baebele. Akanya ka dikai tse pedi tse di latelang:

  1.   Boleele jwa malatsi a le marataro a popo. Batho bangwe ba dumela kgopolo ya gore dilo tsotlhe di bopilwe ka malatsi a le marataro a diura di le 24. Mme mo Baebeleng, lefoko “letsatsi” le ka kaya lobaka lo loleele lwa nako.—Genesise 2:4; Pesalema 90:4.

  2.   Lobaka lo lefatshe le nnileng teng ka lone. Batho ba ba dumelang kgopolo ya gore dilo tsotlhe di bopilwe ka malatsi a le marataro a diura di le 24, ba ruta gore lefatshe le na le dingwaga di le dikete di le mmalwa fela le le teng. Mme go ya ka Baebele, lefatshe le lobopo di ne di ntse di le teng pele ga malatsi a marataro a popo a simologa. (Genesise 1:1) Seno se dira gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba ganetsana le dipatlisiso tse di utlwalang tsa saense tsa gore lefatshe le ka tswa le na le dibilione tsa dingwaga le ntse le le teng.

 Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore dilo di bopilwe, ga ba ganetse saense. Re dumela gore saense le Baebele di a dumalana.