Fetela kwa tshedimosetsong

A Basadi ba Bodumedi Jwa Lona ba a Rera?

A Basadi ba Bodumedi Jwa Lona ba a Rera?

 Ee. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba a rera kgotsa ke badiredi—go akaretsa le basadi ba le dimilione di le mmalwa. Fela jaaka Baebele e boleletse pele, “basadi ba le bantsintsi ba anamisa dikgang tse di molemo.”—Pesalema 68:11, NET Bible.

 Basadi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba etsa sekao sa basadi ba mo Baebeleng. (Diane 31:10-31) Le fa ba sa etelelepele mo phuthegong, ba nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera phatlalatsa. Gape ba ruta bana ba bone melaometheo ya Baebele. (Diane 1:8) Basadi ba Basupi ba dira ka natla go tlhotlheletsa batho ba bangwe ka tsela e e molemo, ka se ba se buang le se ba se dirang.—Tito 2:3-5.